Breaking News

Bangwaketse ba tlhobaela ka tshireletsego ya kgosi

03 Mar 2024

Bangwaketse ba supile fa Kgosi Malope II a tlhokana le tshireletso.

Se se tla morago ga gore Kgosi Malope a itekodise morafe, a supe fa a sa robalelwa ke ditlhokwa mo setilong sa sagwe sa bogosi.

Kgosi Malope o ne a biditse lebatla kwa kgotleng-kgolo ya Kanye ka Labotlhano, kwa morafe o tlhalositseng fa o tlhobaela ka pabalesego ya gagwe.

Ba supile fa kgosi a sa sireletsega mme go tlhokega gore morafe o itebaganye le tshireletsego ya gagwe kwa kgotleng le kwa lwapeng.

Kgosi Malope o supile fa a sa tsoga, a tlhalosa fa a amogetse lekwalo go tswa kwa mongweng wa bo ntsalae, yo a neng a tshosetsa botshelo jwa ga gagwe, a supa fa a sa tshwanelwe ke bogosi e bile a sa itekanela go busa morafe wa Bangwaketse.

A re kgang e, e sa le e simolola nako ya lenyalo la gagwe.

“Ga ke a tsoga, go na le ngwana mongwe wa ga rakgadi, o a ntlhorontsha, o nkwalela dikwalo. Ngogola e ne ya re fa ke tsaya a nkwalela lekwalo le le botlhoko le bo rangwane ba neng ba bitsa batsadi ba gagwe ra tla go bua mo ofising mme ga seka ga nna le maduo ape,” Kgosi Malope a tlhalosa.

O supile fa mo bekeng e e fetileng a kwaletswe lekwalo gape le le mo utlwisitseng botlhoko, le le neng le itebagantse le batsadi ba gagwe.

A re ka dikgakololo tsa bo rangwane-a-kgosi, o bone go tshwanela go itekodisa morafe.

Rangwane-a-kgosi, Kgosi Makaba o supile fa kgosi a sa tsoga mme se se raya gore fa kgosi a sa tsoga, le morafe ga o a tsoga.

A re kgosi ga a a tsoga ka ntlha ya gore motse wa gagwe o tlhasetswe, go ya ka mokwalo o a o amogetseng bosheng o gomagometsang botshelo jwa ga gagwe.

Kgosi Makaba a re mokwalo oo, o na le matshosetsi a gore malatsi a ga kgosi a badilwe.

“Lekwalo le, le na le mafoko a a gogomosang maikutlo, a a supang nyenyafatso mo go mong wa rona, a a digang seriti sa rona re le Bangwaketse. Re itsewe ke ditshabatshaba gore Bangwaketse ke batho ba puo e ntle,” Kgosi Makaba a supa.

A re ke ka ntlha ya se, ba boneng go tshwanela gore kgosi a bitse lebatla go lekodisa morafe.

Mothusa kgosikgolo, Kgosi Kebapetse Telekelo o supile fa e le boammaruri kgosi a amogetse lekwalo, le mo go lone go kaiwang fa malatsi a gagwe a badilwe.

O supile fa mokwadi yo e bile a fudugetse mo ntlong ya ga Kgosi Malope ntle le tumalano, mme ba tlelwa ke letshogo ka ntlha ya se.

Fa a akgela, mopalamente wa pele, Rre Peter Siele o supile fa e le lantlha mo ditsong a utlwa mafoko a a ntseng jaana, a a tshosetsang botshelo jwa kgosi.

O kopile mephato go tsaya dikgato tse di maleba a bo a supa fa go tlhokafala go re boitekanelo jwa mokwadi wa lekwalo le bo netefadiwe ke ba bongaka.

“Molao o teng mo melaong ya Botswana, matshosetsi a leso a teng mo lekwalong le, ka jalo bosupi bo lekane gore go ka tsewa dikgato,” Rre Siele a tlhalosa.

O tlhalositse fa mafoko a a dirisitsweng mo mokwalong a sa ba lekana e le Bangwaketse ka e bile o latofatsa madi a bogosi mo go Kgosi Malope.

A re go tlhokega gore go dirwe taolo e e kganelang mokwadi wa lekwalo go atumela kgosi.

“Ke tshwenngwa ke mafoko a a reng kgosi o baletswe malatsi. Kgang e e tshwanetswe go tsewa ka matsetseleko, re kope thuso mo pusong ka gore gongwe mokwadi wa lekwalo le ga a nosi mo tirong e,” Rre Siele a supa.

O gateletse fa Kgosi Malope e le kgosikgolo ya Bangwaketse e bile go se na o pe yo o a ka mo thololang mo setilong sa gagwe sa bogosi. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : KANYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 03 Mar 2024