Habana o amogela poo ya Brahman
03 Mar 2024
Tona wa Temo-Thuo, Rre Fidelis Molao a re go botlhokwa go tlhatlhoba poo go rurifatsa bokgoni jwa yone.
Tona Molao o buile se kwa Gulubane ka Labotlhano fa a abela Rre Godfrey Habana poo ya Brahman mo boemong jwa ga Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi.
O supile fa bangwe ba rekisa dipoo ntle le go di tlhatlhoba mme di felele di palelwa ke go dira tiro ya tsone.
A re poo ya ga Rre Habana e dingwaga tse tharo ka jalo, e santse e na le sebaka sa go atisa leruo.
“Poo e, e fa go tla go oketsa boleng jwa dikgomo tsa ga Rre Habana mme o tshwanetse go tlhomamisa gore dikgomo tsa gago di a ata,” Rre Molao a supa.
O tlhalositse fa poo e, e oketsa dipoo tsa ga Rre Habana go nna tharo mme di tlaa kgaogana di bo di itebaganya le tse dinamagadi tse a rileng di tshwanetse go okediwa.
O supile fa maungo a yone a ya go ata le naga ya Gulubane ka jalo a mo rotloetsa go rekisetsa ba bangwe gore boleng jwa dikgomo tsa kgaolo bo tokafale le go tsweledisa tebelopele ya ga Tautona.
Fa a amogela mpho, Rre Habana a re poo e, ke tsholofetso e Tautona a e dirileng Phalane ngogola.
“Mo boemong jwa ba lelwapa lame le banni ba Gulubane, ke amogela le go lebogela mpho e,” Rre Habana a supa, a tlatsa ka gore o ya go thusa ba bangwe mo kgaolong.
O supile matshwenyego a letlhoko la phulo le dipula tse di boutsana, a tlhalosa fa dipolase tse di lesome le boferabobedi tse di rekilweng ke goromente mo kgaolong ya Bokone Bophirima, e ne e le mahudiso a bone ka jalo se, se baka kgotlhang fa gare ga batho le barui ka lefatshe la phulo le fokotsegile.
Mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Simon Moabi o tlhalositse fa temo-thuo e le mokwatla wa itsholelo ya lefatshe leno ka jalo puso e tseela temo-thuo kwa godimo.
Rre Moabi a re mafatshe ka go farologana a rata nama ya Botswana e bile a supa fa e na le tatso e pharologanyo mo go ya mafatshe a mangwe.
O rotloedItse barui go thusa puso mo maitekong a yone a go tokafatsa boleng jwa nama ya mono.
“Ke rotloetsa barui botlhe go tla go ithuta mo go wena ka o sa le o simolotse go rua o sa le monana,” Rre Moabi a kgothatsa.
Kgosi Norah Gulubane wa Gulubane e ne o tlhalositse fa letsatsi le le supa gore Modimo o na le bone e bile go supa fa a ba tshegeditse ka ba tseela temo-thuo kwa godimo.
Kgosi Gulubane a re e rile Tautona a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Masunga, a tlhalosa fa go re motho a abelwe poo o tshwanetse go bo a sala morago ditsamaiso dingwe, a tlhokomela le go kenta leruo.
“Gotswa bogologolo tala, Motswana o ne a itshegeditse ka kgomo jaaka re bone Mmadikolo a agilwe ka koleke ya dikgomo,” Kgosi Gulubane a supa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goweditswe Kome
Location : Gulubane
Event : Kabo dimpho
Date : 03 Mar 2024