Breaking News

Khudugo ya Samaphaleche e bonya

29 Feb 2024

Makhanselara a toropo ya Jwaneng ba supile fa ba le betesemolangwana ka bonya jwa dipuisanyo tsa go fudusa lefelo la Samaphaleche le le mo kgaolwaneng ya Ngami kwa Jwaneng.

Ba ntshitse dingongorego tsa bone fa ba fetola molaetsa wa ga mmatoropo Mme Olga Ditsie fa a bula phuthego ya khansele eo ka Labobedi, ba supa fa dipuisanyo le khamphani ya Botswana Housing Corporation (BHC) di santse di tsweletse.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Mogale, Rre Edward Molefi o supile fa dipuisanyo tseo di tsere lebaka mme e bile go sena maduo ape a a bonalang. A re ba ne ba solofetse gore dikago tse disha di tlaa fetola tebego ya lefelo leo, le mo gompienong le sa kgatlhiseng. O kopile gore boeteledipele jwa toropo go tsiboga go netefatsa gore tema e a tswa, le matshelo a batho a tle a fetoge.

Rre Mokganedi Morwaagae wa Masaasele o ne a tlhalosa fa seemo sa Samaphaleche se le diphatsa mo matshelong a batho. 

A re ke gantsi batho ba kganelelwa ke merwalela mo matlong fa dipula di na, ka jalo go tshwanetse ga potlakelwa gore ba fudusiwe go baakanggwe.

Mothusa mmatoropo, Rre Keolopile Pema a re go na le dingwaga go supa fa dipuisanyo tsa go fudusa Samaphaleche di tsweletse, mme go hakgamatsa gore go bo go ise go diragadiwe morago ga lobaka. A re ka BHC e setse e filwe lefelo la go aga matlo a masha, boeteledipele jwa toropo bo tshwanetse jwa tsena mo legatong le lengwe go bona gore tsholofetso eo e a diragadiwa.

A re seemo sa lefelo leo ga se ngomole pelo mo dikagong hela ka jaana le one metsi a sa siamela go nowa.  A re go ngomola pelo gore Samaphaleche a ba a le mo seemong se se ntseng jalo, ntswa ele yone boremelelo jwa toropo ya Jwaneng.

Mo dikgannyeng tse dingwe, makhanselara ba ne ba kopa gore dikgoropa tsa dikoloi tse di sheleng

ngogola kwa lebelong la Desert Race di sutisiwe fa di leng teng ka jaana di senya selebego sa toropo.

Mokhanselara wa Seole, Rre Tshepo Morris a re go lobaka di ntse, ka jalo di tshwanetse tsa sutisiwa ka jaana boleng jwa tsone bo le kwa tlase.

A re di tshwanetse tsa ntshiwa mo matlhong a batho tsa isiwa kwa di ka sekeng di kgotlele tebego ya toropo eo. 

Rre Morris o kopile gore ba tlhalosediwe ka botlalo gore maitiso a go kokoanyetsa beng ba dikoloi tseo madi a a neng a dirilwe ngogola a tsamaile jang, le gore batswa setlhabelo ba atswilwe jang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : JWANENG

Event : Phuthego ya khansele

Date : 29 Feb 2024