Breaking News

Kgotla kgolo e a tlotlwa - Seretse

29 Feb 2024

Mothusa kgosi ya GaMmangwato, kgosi Serogola Seretse o kgadile a sa kgwe mathe bangwe batho ba ba supang fa  e le bo rrangwaneagwe kgosi kgolo ka go  bitsa diphuthego kwa kgotleng kgolo e  se ka fa molaong. 

 Kgosi Seretse a re kgotla e tshwanetse ya tlotlwa e bile go  selwe molao morago fa go bidiwa diphuthego  kwa kgotleng. 

 “Selo se se dirwang ke batho ba ba ipitsang borrangwaneago kgosikgolo ke tlolo molao, go bitsa diphuthego ba sa fete ka kgosi yoo tlhokometseng morafe,” kgosi Seretse a tlhalosa.

Kgosi Seretse o ne a buisa phuthego go lekodisa morafe ka tse di diragalang kwa Serowe. 

O tlhalositse  fa batho ba ba ipitsang bo rrangwaneagwe kgosikgolo ba rera bogosi joo rra Khama ba le nosi gore yo o tla tshwarelelang kgosikgolo Seretse Khama Ian Khama ke mang, ba dira jalo ese ka fa molaong.

O boletse fa go sena kagiso mo motseng wa Serowe, e bile a sa robalelwa ke ditlhokwa ka lebaka  la ba ba ipitsang borrangwaneagwe  kgosikgolo. 

O tlhalositse fa bogosi bo rerwa ke ba lelwapa la bogosi, a re malwapa aa tshwanetseng go rera bogosi joo ke borra Khama, borra Seretse, borra Kgamane le borra Kebailele.

Kgosi Seretse o kaile fa bangwe mo Serowe ba dule mo tsamaisong ya molao wa Botswana wa dikgotla tsa setswana ba iphaga dikoro mo morerong wa bogosi.  

A re batho bao ba na le go dira khuduthamaga le bangwe ba mapolotiki, a tlhalosa fa bogosi ga bo sa kopane le sepolotiki gope.

Kgosi Seretse a re morago ga go tlogela tiro ga ga Kgosi Sediegeng Kgamane, makgamu ao a ne a ipopa digongwana ba kopane le mapolotiki ba rera bogosi jwa ga Mmangwato, gore motshwarelela bogosi e ka nna mang.

O tlhalositse fa batho bao ba ne tswa ka leina la ga  Rre Peter Seretse go nna  motshwaralela bogosi jwa GaMmangwato. O boletse fa leina la ga Rre Peter Seretse le kile la isiwa kwa go tona ya Dikgaolo le Tlhabololo Magae mme ba tloga  ba le boela morago gape.

Fa ba mo kgwa dikgaba, morafe ba boletse fa motse o sa robalelwa ke ditlhokwa mme Kgosi Seretse a tshwanetse go busetsa bao mo tseleng ka a santse a laola kgotla ya GaMmangwato.

Rre Poko Autlwetse, o kopile kgosi Seretse go bitsa diphuthego a kopane le bo rrangwaneagwe go lekodisa morafe botsogo jwa motse.  

Rre Mompati Sekga, o kopile morafe go tlotla bogosi le gore ba ba sa amegeng mo mererong ya bogosi ba boele kwa morago.  

Mme Galekanokwe Mmusi a re borra Khama ba fiwe sebaka go bua ka bogosi jwa bone kafa ba rulaganang ka teng.

Rre Letsweletse Sekgoma o boletse fa bogosi jwa GaMmangwato bo kgaogane mme go setse go le lebaka bo ntse bo tshwareletswe.

Rre Sekgoma a re dikgang tsa bogosi bogolo jang tse di buang ka motshwarelela bogosi jwa GaMmangwato di tshwanetse tsa buiwa ke beng. 

Fa rre Kitso Nkoborwane ene a boletse fa go le makgamu mo Serowe mme a kopa kgosi Seretse go ikela tlhoko ka gore go tlaa nna le makgamu aa tla mo gogelang mo tlhaelong le ba ba molemo. 

O boletse fa go tlhoka kagiso mo motseng go ba jesetsa mo kgobedung.

Rre Tebogo Thokweng, a re  kgosi ke kgosi ka batho, e tshwanetse ya utlwa matshwenyego a morafe wa o ne. 

A re gape kgosi ke thotobolo e olela matlakala. A bolela gore kgosi o tshwanetse a reetsa dikgang tsotlhe tsa morafe wa gagwe.

Rre Thokweng o gakolotse kgosi Seretse a tswe ka tlharabololo ka a santse a le mo setilong.

A gakolotse gore kgosi Seretse a seka a inaakanya le sepolotiki, ale mo letlhakoreng lengwe la diphathi dingwe, ebile a seka a nna a bua ka mapalotiki mo kgotleng. Phuthego e, ene e tseneletswe le ke ba di Community Trust tsa Serowe go begela morafe ka fa di dirang ka teng le pego ya tsa madi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 29 Feb 2024