Kereke e aga ngwana yo o nang le boikarabelo
27 Feb 2024
Kereke ya Guta Ra Mwari e dumela mo go ageng ngwana wa popego e e eletsegang gore a tle a nne le boikarabelo isago.
Ke ka moo kereke eo e nnang letsatsi la banana go ba rutuntsha le go ba fa maele a botshelo, go tsepama.
Mafoko ao a builwe ke Modulasetilo wa kereke eo mo Botswana, Evangelist Letlole Mosielele kwa Lobatse ka Tshipi.
O tsweletse a re tumelo ya kereke e, ke go aga ngwana wa mosimane le wa mosetsana gore nako e ba tsenang mo lenyalong ba bo ba tletse e bile ba le phepa, selo se se ka thusang gore ba age malwapa a mantle a a eletsegang.
A re e le kereke go na le ka fa ba lebeletseng kgolo ya banana ka teng go re ba tswelele ba ikgaphile.
Evangelist Mosielele a re mo malatsing a gompieno bana le batsadi ga ba utlwane sentle, banana ba lebaganwe ke dikgwetlho mme maikaelelo a kereke ke go aga le go ba tsholetsa go nna batho ba ba faphegileng mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo.
Constable Boitshoko Ramontsho go tswa kwa Woodhall CID o gwetlhile banana ba kereke eo go tswelela ba itshwere sentle, jaaka kereke e ba godisa go nna le boikarabelo, ba seka ba inaakanya le dilo dingwe tse di ka ba senyetsang bokamoso.
O ne a ba gakolola gore ba tswe mo dikgatlhegong tse di sa siamang kana ba nna mo botsalanong jo bo sa siamang, ka go ka ba kgoreletsa go betla botshelo jwa bone.
Constable Ramontsho o boletse gore modira molato o tsewa menwana mme menwana eo e nne ya sennela ruri e bo e ba senyetsa bokamoso.
O ne a tlatsa ka go re toropo ya Lobatse e na le kgwetlho ya tiriso ditagi, a ba gakolola go ikgapha mo tirisong ya tsone ka jaana di tlhakatlhakanya matshelo a bone, bangwe ba felela ba lwala tlhaloganyo.
O boletse gore dikokelo le dikgolegelo di tletse ka batho ba ba amilweng ke ditagi.
Constable Ramontsho o tsweletse a bolela gore bana ba ima ba le bannye mme batsadi ba thuse bana go senya boimana joo, a tlatsa ka go re seo ke molato o motho a ka yang kgolegelong ya dingwaga tse di lesome le botlhano.
A tswelela a rotloetsa banana go lebagana le dithuto ka tlhoafalo, a re bogodu ga bo a siama, e bile ga bo busetse sepe, a gakolola batsadi gore ba seka ba bipa mpa ka mabele.
O ne a kopa batsadi go lebelela le go itse metsamao ya bana ba bone.
O gakolotse banana gore ba seka ba tsena mo maratong le bagolo gore ba rekelwe tse ba di eletsang.
A re go dira jalo ke go itshenyetsa bokamoso.
Rre Waja Dambe go tswa kwa BOSSASNET a re motho yo o batlang go tlogela tiriso ya ditagi o tlhoka kemonokeng ya ba lelwapa, a bolela gore go botlhokwa gore motho a nne le yo a buang le ene ka seemo seo.
O ne a tlatsa ka go re baithuti ba ka thusiwa ke barutabana ba bogakolodi mo dikoleng kana go kopa thuso kwa makalaneng a tshwana le la botsogo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Kgothatso
Date : 27 Feb 2024