Modulasetilo o lekola banana le ba-na-le bogole
27 Feb 2024
Modulasetilo wa khansele ya Legare, Rre Keneilwe Monageng a re puso e tshwenyegile ka boitsholo jwa banana ka gore gangwe le gape go nna le dipego tsa monana yo o loleng le yo mongwe a bo a mo gobatsa kana a mmolaya.
O ba gwetlhile go fetola boitsholo ka gore phelelong ba tsena mo diphatseng.
Rre Monageng o buile mafoko a bosheng mo phuthegong ya kgotla kwa Motshegaletau, e e neng e biditswe go buisana le banana le ba-na-le bogole ka tse di amang matshelo a bone.
A re ba fetole boitshwaro gore ba seka ba tsenwa ke malwetse a dikobo le go ithuta go tshola ba katologanya bana gore ba ba godise sentle ba itekanetse.
Rre Monageng a re banana ba tsee matshelo a bone ka tlhoafalo ka e le bone babusi ba kamoso.
Rre Daniel Ramasimo mo boemong jwa banana, o supile fa banana ba sa tsene diphuthego ka gore gantsi go buiwa ka matshelo a batho ba bangwe mme seo se ba kgobe marapo.
O akgotse lephata la boipelego go mo thusa mo dithutong, a supa fa le mo tsentse sekole go simolola ka se sebotlana go tsena kwa Serowe College of Education kwa a ithutetseng borutabana teng le mororo a ise abone tiro le fa e le ya nakwana tota.
Rre Ramasimo o kopile ba-na- le bogole gore ba seka ba itlhoboga.
A re o lemogile gore tiriso ya nnotagi e ntsi mo motseng wa bone mo go felelang go nna le kgokgontsho ya bana ba basetsana le bomme. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Themba
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 27 Feb 2024