Breaking News

Ikwadisetso ditlhopho e kwa tlase

27 Feb 2024

Mogolwane mo lekgotleng le le ikemetseng la ikwadisetso ditlhopho,  Independent Electoral Commisssion (IEC) mo Kgalagadi Borwa Rre Norman Tshekiso o rotloeditse banni ba ba sa ikwadisetsang ditlhopho go dirisa sebaka sa ikwadiso ya tlaleletso go ikwadisa ka go ikwadisitse palo e e kwa tlase mo Kgaolong eo.

Fa a bua le BOPA, ka Mosupologo, Rre Tshekiso o ne a tlhalosa fa kgaolo eo e na le batho ba feta 35 000 go ya ka ditshekatsheko tsa palo batho e e fetileng mme go setse go ikwadisitse batho ba le 15 200 fela mo ikwadisong e e fetileng.

O boletse fa baeteledipele ba IEC ba ne ba tsaya tshwetso ya poeletso morago ga go lemoga fa seelo se ba neng ba se ipeetse sa 1 372 524 e leng 80 per cent sa lefatshe lotlhe ba sa se fitlhelela ba kgonne fela 732 424 e leng 54 per cent.

Rre Tshekiso o tlhalositse fa go na le mabaka a a farologanyeng gore ikwadiso ya tlaleletso e diragadiwe a akaretsa go tlhoka go fitlhelela seelo se IEC e neng e se ipeetse, banana ba molao o neng o ise o ba letlelele go ka ikwadisa ka dingwaga tsa bone di ne di le kwa tlase ga lesome le boferabobedi, le bangwe ba ba neng ba sa ntse ba emetse Omang morago ga go mo shafatsa.

O boletse fa mo Kgalagadi Borwa dingwe tsa dikgaolwana tsa botlhophi tsa bokhanselara dipalo tsa tsone di le kwa tlase thata gareng ga tse dingwe e leng Werda Botlhaba 549, Werda Bophirima 587, Makopong 1 198, Tsabong Bokone 843, Middlepits 428 le tse dingwe.

O tlhalositse fa ikwadiso ya tlaleletso e simolotse ka Mosupologo e fela Mopitlo a le lesome le gatlhano mme e tlaa direlwa mo diofising tsa IEC go ralala lefatshe, e seng jaaka pele go ne go thapilwe bakwadisi mo matlhophelong a a farologanyeng.

A re pharologanyo e e leng teng mo ikwadisong ya tlaleletso ke dinako tse e leng tsa pereko go simolola ka nako ya 0730 go ema k 1245 go iwa dijong tsa motshegare le 1345 to tsena 1630 Mosupologo go fitlhelela Labotlhano fela, go sa kwadisiwe ka mafelo a beke.

Mogolwane wa IEC mo Kgalagadi Borwa o ne a supa fa ba setse ba le malala a laotswe go ipaakanyetsa ikwadiso ya tlaleletso mo kgaolong ya gagwe le gone go phatlalala le yone go tsibosa banni ka ikwadiso eo.

Rre Tshekiso o ne a tlatsa ka go gakolola le go kgothatsa banni ba kgaolo ya gagwe go tsaya sebaka se sa ikwadiso ya tlaleletso go se dirisa gore ba tle ba kgone go tsaya karolo mo ditlhophong tse di tlaa tshwarwang ka Phalane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 27 Feb 2024