Breaking News

Tirisanyo mmogo konokono mo ditlhabololong

26 Feb 2024

Komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Old Disana mo Maun e gwetlhilwe go bereka mmogo le kgosana ya tetlanyo, Kgosi Catherine Matlhare yo o sa tswang go tlhongwa mo setilong ngwaga ono o simologa.

Kgosi Matlhare o tsena mo setilong sa bogosi go kaba phatlha morago ga go tlhokafala ga ga rraagwe ka 2019.

Mopalamante wa Maun Botlhaba, Rre Goretetse Kekgonegile o gwetlhile jalo komiti ya ditlhabololo tsa motse jaaka morafe o ne o ketemeletse kwa kgotleng ya Old Disana go ipelela peo ya kgosi.

A re go dira mmogo go ka thusa go tla ka methale e ba ka kgobokanyang madi go tsamaisa ditlhabololo mo kgotlaneng le go dira ditiro tsa sennela ruri tse di ka tlhamelang le beng-gae mebereko.

O ne a supa fa kgaolwana ya bone e humile madirelo a maroko (lodges and guest houses) a re o dumela fa komiti ya motse le yone e ka bo e na le madirelo ao, e le tsela ya go tswakanya letseno le le remeletseng mo go ageng matlo a a hirisiwang.

Rre Kekgonegile a re komiti eo e lesego ka jaana e na le kgosi yo o rutegileng ka e ne e le mogokgo wa pele, a tlatsa ka go re o dumela  gore fa ba ka mo ikanya o ka ba kaela a ba tlhatlhelela mme phelelong ba tlhabolole kgaolwana ya bone ba le seopo sengwe.

O rotloeditse le morafe go ema bogogi nokeng, a re ba ititee ka thupana go tsenelela diphutego tsa kgotla fa kgosi kana komiti ya ditlhabololo e bitsa.

 A re merero yotlhe ya ditlhabololo e rerelwa kwa kgotleng, ka jalo go botlhokwa gore ba nne teng ka dinako tsotlhe go nna le seabe mo ditshwetsong tse di tsewang ka matshelo a bone.

Rre Kekgonegile o kaile fa a eletsa gore malatsi a go theogela ga dikgosi tsa tetlanyo a okediwe, a re go tla gabedi mo bekeng ga go bereke ka jaana morafe o tlhoka kaedi, kgakololo le thuso ya kgosi nako le nako.

Mothusa kgosi ya Batawana, Kgosi Kealetile Moremi le ene o ne a iteela kobo moroko mafoko ao, a rotloetsa morafe go tlotla le go ema kgosi nokeng gore a kgone thomo ya gagwe.

A re kgosi ke kgosi ka batho, ka jalo go botlhokwa gore ba mo gakolole ka dinako tsotlhe.

O ne a lebogela morafe gape go roma motho wa mme go nna kgosi, a re seo ke sesupo sa gore bomme le bone ba na le bokgoni jwa go nna baeteledipele ba motia.

Fa a itebaganya le Kgosi Matlhare, o mo rotloeditse go ikanya molao wa Bogosi.

 A re Bogosi Act e o ka mo thusa thata mo go diragatseng thomo ya gagwe.

Kgosi Moremi o mo gwetlhile go itshwaraganya le ba-tsaya karolo ba bangwe mo go tlhabololeng motse le go aga setshaba le gone go tsaya morafe ka tekatekanyo.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Motlhare o ne a lebogela morafe go bo ba mo tlhophile go tsaya thomo.

 A re seo se supa fa ba na le tshepo mo go ene.

O solofeditse matshwititshwi a a neng a tshologetse tiro ya gagwe fa a sena go ba swabisa mme a tlaa dira thomo ka bonokopila le botswerere.

Kgosi Matlhare o ne a kopa kemo nokeng ya morafe.

A re o ka kgona tsotlhe fela fa ba mo fa dikgakololo le go dira le ene ka lerato. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 Feb 2024