Breaking News

Moruti ke seipone sa phuthego - Leuwe

26 Feb 2024

Moruti ke seipone sa phuthego, ka jalo o tshwanetse a nna sekao mo setshabeng fa a filwe boikarabelo jwa go nna jalo.

Ka jalo go botlhokwa go tshegetsa tiro ya Modimo le go nna sekao mo phuthegong ka seo se ka thusa mo go ageng tshaba e e eletsegang.

Mopalamente wa Takatokwane Rre Friction Leuwe o buile jaana  kwa Mantshwabise fa kereke ya Free Church of Botswana e ne e tlhoma moruti wa phuthego ya Mantshwabise/Malwelwe, Rre Ntsimane Moetele ka Matlhatso.

Mopalamente Leuwe o ne a supa fa a le ’bete se molangwana ka fa dikereke di fetogileng dikgwebo ka teng mo malatsing a segompieno.

“Dikereke tsa segompieno di fetogile ke dikgwebo mme se se dira gore le dikereke tse di sa direng dipoelo le tsone di leswafadiwe ka ntlha ya seemo se,” mopalamente Leuwe a tshwaela jalo.

Ka jalo a re nako e gorogile ya gore dikereke tse di farologanngwe di seka tsa duela makgetho a a lekanang a a lopiwang mekgatlho e e kwadisitsweng mo Botswana.

Rre Leuwe a re Free Church of Botswana ke nngwe ya diphuthego tse dikgologolo mo lefatsheng le, e e neng e obama ka dinako tse di thata tse go neng go sa letlelelwe gore dikereke di obame.  

A re kereke ya Free Church of Botswana yone e ne ya itshoka fela ya gola go fitlhelela gompieno mme ebile e aname le lefatshe leno.

O tsweletse a tlhalosa gore ditso tsa kereke e, mo kgaolong ya Mantshwabise di kaya fa e tsisitswe ke rraagwe Moruti Moetele ene yo o neng a tlhongwa go nna moruti mme a tlhalosa fa seo se sa gake ka Moruti Moetele a sale a itshupile a sale mmotlana.  

Fa a afa Moruti Moetele lefoko la kgothatso, Mopalamente o mo gakolotse gore o tshwanetse a itse fa jaanong e le motsadi ka a filwe boikarabelo jo bo tona.

Rre Leuwe o ikuetse mo dikerekeng go thusana le puso go lwantsha dikgang tsa kgokgontsho, ditagi le dipolaano tse di apesitseng lefatshe kobo ka letshoba.

Fa a tswa la gagwe mookamedi wa Free Church of Botswana Bishop Moagi Molefi o lebogile lelwapa loora Moetele go bo le ba tsholetse teemane ka a sale a itshupile fa e le motho yo o boikanyego.

O gateletse mafoko a gore kereke e dira tiro e tona mo sechabeng.  

Bishopo Molefi a re kereke e thusa mo dikgwetlhong tse di farologanyeng jaaka tsa malapa, tsa botshelo le dikgwetlho tse di amang kgodso ya bana.

Ka jalo a re go le gantsi puso e felela e roma dikereke go thusa le gone go gakolola batho go ba ntsha mo mekgweng e e bosula go ba isa kwa leseding.

“Kereke e na le seabe se setona mo go ageng motho go simolola fela a tsholwa go fitlhelela a tsena mo lebitleng,” Bishop Molefi a tshwaela jalo, a supa karolo e e botlhokwa e kereke e e dirang mo setshabeng.

Mo boemong jwa batsadi, Rre Motlalekgomo Moetele, mogolowe Moruti Ntsimane Moetele, o supile fa monnawe a sale a tlhomilwe ke Modimo a sale mmotlana ka jaana le rraagwe fa a sa le botshelong, a ne a mo supa ka monwana gore e tlaa nna ene a mo tlhatlhamang.  

Ka jalo a re se, se ne sa dira gore monnawe a nne le sebaka se se ntsi go baakanyediwa pitso e ka a goletse fa tlase ga ga rraagwe a mo kaela e bile a mo dibela go ipaakanyetsa boikarabelo jo bogolo jo.  

A re e le batsadi ga ba na pelaelo epe ya gore thomo ya gagwe o tlaa e diragatsa ka manontlhotlho.

Kgosi Dikaelo Tsiang wa Mantshwabise a re fa motho e le moruti o a bo a tshwere boikarabelo jo botona ka e le modisa wa letsomane, a tlhokometse setshaba go se ntsha mo lefifing a se isa kwa leseding.

Ka jalo o kgothaditse baruti gore ba tswelele ka go tshwara tiro e ka manontlhotlho  

A re tshwaragano ya baruti le dikgosi e ka ba tlhofofaletsa tiro ka ba dira tiro e e tshwanang.  

Kgosi Tsiang o gakolotse setshaba go ikgapha mo baruting ba ba tshwanang le diphiri tse di gagolakang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : MANTSHWABISE

Event : phuthego ya Mantshwabise/Malwelwe

Date : 26 Feb 2024