Kgosi Bose o fitlhilwe ka Matlhatso
26 Feb 2024
Kgosi ya pele ya Mogonye, Kgosi Isaiah Bose o bolokilwe kwa motseng oo ka Matlhatso morago ga go tlhokafala Tlhakole a le lesome le bone.
Dibui kwa phitlhong di kaile Kgosi Bose e ne e le motho yo o neng a rata batho e bile a le tlotlo mo go botlhe go akarediwa le ba babotlana mo go ene ka dingwaga.
Kgosi Katlego Moalosi wa Mogonye, o kaile moswi, yo e leng rangwaneagwe, fa e ne e le moeteledipele wa popota yo o neng a tsaya tiro ya gagwe ka tlhoafalo.
Kgosi Moalosi a re Kgosi Bose o diretse morafe wa Mogonye le lefatshe la Botswana ka kakaretso ka botswapelo, a dira ka boineelo le botswerere jo bo kwa godimo.
A re moswi o ne a mo rolela setilo sa bogosi sentle, ntle le kgotlhang epe, selo se a boletseng fa e nnile thuto e kgolo mo go ene, e le ene a tlaa e diragatsang fa nako ya go fologa setilo e goroga.
Tsala ya ga Kgosi Bose, Rre Dick Kruger a re moswi o ne a le boikanyego e bile a le lorato.
O mo kaile gape e ne e le moeteledipele yo o botlhale yo o neng a eteleditse pele dikeletso tsa morafe wa Mogonye.
A re boineelo, bopelotelele le boikobo tse di neng di agile mo go Kgosi Bose, ke tsone tse di mo kgontshitseng go dira tiro ya bogosi ka manontlhotlho go fitlha a tlogela tiro. Morwadia Kgosi Bose,
Mme Conny Bose o kaile fa rraabo a ba godisitse ka lorato le le kwa godimo.
A re rraabo o lwetse ka lebaka go tloga ka 2015, mme a supa fa bolwetse bo ne jwa mo gatelela dibeke tse tharo pele ga a tlhokafala.
Kgosi Bose o eteletse busitse kwa Mogonye go tloga ka 1997 go fitlha ka 2019. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Majoto
Location : MOGONYE
Event : Phitlho
Date : 26 Feb 2024