Banni ba kgothadiwa go dirisa lefelo go itlhabolola
25 Feb 2024
Banni ba Maunatlala ba kgothaditswe go dirisa lefelo le le sa tswang go bulwa bosheng la Maunatlala Community Engagement Centre go tokafatsa matshelo a bone.
Tona wa Lephata la Banana, Bong, Metshameko le Ngwao Rre Tumiso Rakgare o buile se fa a ile go bona lefelo leo ka Labone.
Tona Rakgare o lebogetse go bo kago ya lefelo le e tsere dikgwedi tse tlhano go wela, a tlhalosa go re ga go a tlhwaelesega, a re puso e eletsa go re badirelapuso ba diragatse mananeo ka bonako.
Rre Rakgare a re ba tshwanetse ba fetola ka fa ba dirang dilo ka teng ba dira phetogo le go fefosa ditirelo mme ba sa tlole molao.
A re ke nako ya go re banana ba dirise motlobo wa dibuka le mananeo a ba a diretsweng a tlatsa ka go re lephata le tlaa ba thusa go bona tse ba di tlhokang.
Tona o ne a re thuto kana kitso e botlhokwa e bile ga gona yo o ka e tsayang mo mothong.
Rre Rakgare a re puso e ne ya emisa dithoto dingwe go tswa kwa ntle ga lefatshe leno gore di dirwe mo Botswana maikaelelo e le go rotloetsa Batswana go itirela gammogo le go jesa lefatshe leno.
A re puso e batla Batswana ba itirela go re ba tlhabolole matshelo a bone le go godisa itsholelo ya lefatshe leno.
O boletse gape go re puso e batla gore tiro di tsene mo Batswaneng a re nako e fetile ya gore Batswana ba ikgantshe ka matshwao a dikhamphani tsa mafatshe a sele mme ba godise a bone.
Mogolwane wa Lephata la Banana, Bong, Metshameko le Ngwao Rre Mpilo Mbo a re lenaneo la Maunatlala Community Engagement centre le agilwe mo dikgweding tse tlhano.
Rre Mbo a re lenaneo le simologile le fa mananeo mangwe a santse a saletse kwa morago.
A re ba simolotse lenaneo la tekeletso la tsa kapei le, go roka le fa di dirisiwa dingwe di santse di saletse kwa morago le barutuntshi ba ise ba nne teng.
Mopalamente wa Lerala/Maunatlala, Rre Setlhabelo Modukanele o lebogile lephata la banana ka mananeo a a simolodisiwang mo lefelong la morafe Rre Modukanele a re lefelo le, le tlaa tlhabolola matshelo a banni ba Kgaolo ya Maunatlala ka thuto le mananeo a a bonwang mo go lone.
O gakolotse banni go dirisea mananeo a sentle gore maungo a one a tle a akolwe ke botlhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : MAUNATLALA
Event : Go bona lefelo la Maunatlala Community Engagement Centre
Date : 25 Feb 2024