Badiragatsi ba pele ba tlhoka go fiwa seriti
25 Feb 2024
Badiragatsi ba mmino ba ba setseng ba itapolositse ba tlhoka go thusiwa le go fiwa seriti go ba lebogela seabe sa bone mo bodiragatsing.
Go lemosegile fa go le gantsi badiragatsi ba maloba ba lebalesega thata le mororo e ne ele dikgeleke tsa go bina, ba ne ba tlosa bodutu, ba dirisiwa fa go ipelwa, go gomotswa le go direla bangwe letseno la madi
Rre Moroka Moreri, mmoki, seopedi sa setso e bile ele moeteledipele wa setlhopha sa Motlhaolosa se se rotloetsang poko le puo ya Setswana, o buile jalo kwa moletlong wa tshimolodiso ya go aga ntlo e e agelwang mongwe wa mabutswapele a mmino wa Jazz, Rre Godfrey Keipedile ka mafelo a beke mo Serowe.
Rre Moroka yo gape eleng mokwaledi kwa ntlong ya dikgosi, o ne a galaletsa Rre Keipedile, wa dingwaga tse di masome a supa wa kgotla ya GooraTshosa mo Serowe.
Ba setlhopha sa baboki le diopedi tsa mmino wa Setswana le Jazz le mokgatlho wa Motlhaolosa ba bone go le botlhokwa go re ba thuse bagaka ba bogologolo ba mmino, ba thusana le ba Macmillan le Cosbots.
Rre Moroka a re badiragatsi ba na le seabe mo botshelong, ka mmino o gasa molaetsa, o ruta, o aga e bile o gakolola le go tlhagisa.
A re ka nako ya e le modiragatsi, Rre Keipedile o ne a ruta ba le bantsi go opela le go letsa katara, mme gompieno a le mo sebaka tsatsing fela go sena se a itshetsang ka sone.
O tlhalositse fa Rre Keipedile a tshwanetse go gagalalediwa a santse a le mo botshelong le go direlwa tse dintle tse a sa bolong go di lwela mme a kgoreletswa ke dikgwetlho tsa botshelo.
Rre Moroka o tlhalositse fa badiragatsi ba tshwanetse go nna le kemedi le mananeo a a ba lebaganyeng go re le bone ba itshetse.
A re Rre Keipedile o tsamaile mafatshe mangwe a borwa jwa Aferika ka morero wa mmino wa Jazz, mme e bile e le ene Motswana wa ntlha go gapa seetsele sa Foot Print Gramming.
O tlhalositse fa ba tlaa mo agela ntlo ya segopieno ya dikamore tse pedi, ba mo tsenyetsa, ditilo le malao ga mmogo le go mo thusa ka dijo.
Mogolwane go tswa kwa khamphaning ya Debswana, Rre Koolatotse Koolatotse, moagisanye nae, o boletse fa Modimo a itshupa mo bathong ba gagwe ka ditiro tse di matsakang.
“Ke sone se basamarea ba ba molemo ba itshupang ka teng go thusa bangwe ka bone.”
Rre Koolatotse o tlhalositse fa lerato, tlotlo le boaammaruri tse Rre Keipedile a di itiretseng ka moopelo di dira gore a lemogwe mo setshabeng.
O kaile fa ba tlaa thusa Rre Keipedile ka go gatisa dipina tsa gagwe le go dira ditshwantsho tsa motshikhinyego mahala.
Mongwe yo o opetseng thata le Rre Keipedile, Rre Scobinol Lekhutile, o boletse fa a mo rutile go letsa katara mme ba simolola setlhopha se bidiwa Tlharesetala mo Serowe. A re ka nako tsa bone ba ne ba leletsa monate fela go sena barotloetsi.
Fa a leboga Mopalamete wa Serowe Bokone Rre Baratiwa Mathoothe, o boletse fa Rre Keipedile a jwadile peo ee molemo mo Serowe, a itiretse leina le le ntle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : tshimolodiso ya go aga ntlo
Date : 25 Feb 2024