Breaking News

Temo ya sika-loo namune ke kgatelo pele

25 Feb 2024

Tona wa lephata la Temo Thuo, Rre Fidelis Molao a re puso e tlaa tswelela ka go rotloetsa temo ya maungo a sika-loo namune e e tshwanang le e e simolotseng kwa toropong ya Selebi Phikwe.

Tona Molao o buile se mo potsolotsong bosheng, a supa fa maungo a a lemiwang mo Botswana a ntsha thobo e e kwa tlase mme se se dira gore lefatshe le tswelele ka go reka maungo kwa mafatsheng a sele.

A re go simolodisa temo ya maungo a sika-loo namume ke kgatelo pele e puso e tlaa tswelelang e e ema nokeng gore e ntshe dipoelo le maduo a a kgatlhisang a a tlaa tswelang lefatshe le Batswana molemo.

Rre Molao a re mo tshimong ya maungo e e kwa Selebi Phikwe ya di hekere (hectare) di le 1 200, go setse go lemilwe dihekere di feta makgolo a robabobedi (800) mo nakong ya gompieno.

Tona Molao a re pele ga temo, puso e ne ya tsaya malebela kwa lefatsheng la Afrika Borwa, mme gape ga dirwa ditshekatsheko tse di tshwanetseng go rurifatsa fa temo ya mofuta o e tlaa itshetlela le go ntsha maduo a a nametsang.

A re go tlhopilwe lefelo kwa Selebi-Phikwe ka jaana ditshekatsheko di ne tsa rurifatsa fa lefelo leo le sa tshabelelwe ke diji tse di ka kgoreletsang kgolo ya maungo ao.

O ne a tswelela a supa fa puso e thusitse ka ditlamelo di akaretsa metsi le tse dingwe tse di botlhokwa ka go farologana, a re katlego ya kwa tshimong ya Selebi Phikwe e tlaa rotloetsa le balemi ba bangwe mo gae go tsaya malebela a temo ya maungo a sika-loo namune.

A re se se itumedisang ke gore thobo ya ntlha ya maungo ao e e tlaa dirwang kgwedi e e tlang ya Mopitlo a le masome a mabedi le bongwe, e setse e bonetswe mmaraka kwa mafatsheng a sele, selo se a supang fa se tlaa tsholetsa serodumo sa lefatshe la Botswana le go thusa go tswaakanya itsholelo ya lone.

O ne a tlhalosa fa go amogelwa ga maungo ao kwa mebarakeng ya mafatshe a sele go supa fa e le a boleng jo bo kwa godimo.

Rre Molao o boletse fa a itumelela gore tshimolodiso ya temo eo e bo e tlhametse bangwe mebereko ya sennela ruri, mme gape dipalo tsa batho ba ba thapiwang di tlaa tswelela di gola ka nako ya thobo.

Go sale foo, tona o boletse fa e tlaa re morago ga thobo go tlaa tswelela go nna le metswedi e e farologaneng ya dikgwebo tse di potlana e bile di le bogadi bo gaufi go ka tswela banni ba Selebi Phikwe le metse e e mabapi mosola. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : GABORONE

Event : Potsolotso

Date : 25 Feb 2024