Kgaogo ya motlakase e tlaa feta
22 Feb 2024
E ne e le leshalaba le boitumelo jaaka Bakgatla ba ne ba itumelela kgokelo ya motlakase wa mo gae, ka ditlhabololo tse di tsileng ka kago ya seteitshane (substation) sa motlakase kwa Mochudi.
Kwa moletlong wa go ribolola semmuso lefelo leo ka Labone, Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi o ne a re o dumela fa pelo e boetse mannong mmatla sa gagwe a se bonye.
Mothusa Kgosi ya Bakgatla, Kgosi Bana Sekai, o boletse fa ba tswa kgakala ba diila ka lebaka la motlakase o o kgaogang kgapetsa kgapetsa. A re ba itumeletse kgatelo pele e e ka bonwang le ke motlhoka pono.
A re Bakgatla ba dikile ba jele keresemose e monate fela thata, ba sa tshoge gore ba ka senyegelwa ke sepe se se ka bakiwang ke kgaogo ya motlakase.
Mopalamente wa Kgatleng Bophirima, Rre Mmusi Kgafela o ne a iteela legofi ditlhabololo tse ba di bonang, a bolela fa kgaogo ya motlakase e tlaa nna selo sa maloba.
O gwetlhile Bakgatla go itoma molomo wa tlase, go fetlha mebereko ka ditiro tse ba tswanag kgakala ba eletsa go di dira, mme ba kgorelediwa ke motlakase.
Mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Mabuse Pule o lebogetse kgorogo ya motlakase kwa metseng e a e eteletseng pele e e tlwaelesegileng go bidiwa metse ya dinoka.
A re ba tswa kgakala ba meletsa mathe motlakase wa mo gae, mme a bolela fa tiro e, e le kgatelo pele e tona, le sesupo sa maikemisetso a puso go isa ditlhabololo kwa Batswaneng.
A re o itumetse thata gore batho ba Ramotlabaki le Oliphant ba tlaa gokelelwa motlakase pele ga kgwedi ya Mopitlo e ya fifing.
Rre Pule a re maiteko a puso go isa motlakase kwa Kgatleng, ke kgatelopele e kgolo ka jaana, go ne go sa lekana go tshepa motlakase o o tswang kwa ntle ga lefatshe.
Kgokelo ya Mochudi Substation e diretswe go tokafatsa ditirelo tsa motlakase mo Mochudi le metse ya dinoka ka go ne go na le tlhaelo mo motseng wa Mochudi le mafelo a a mabapi le Gaborone, ga mmogo le metse ya Mabalane, Sikwane, Mmathubudukwane, Ramonaka, Malolwane, Oliphands Drift le Ramotlabaki. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : MOCHUDI
Event : Moletlo wa go ribolola semmuso
Date : 22 Feb 2024