Ba Malatswae ba abelana maele go lwantsha kgokgontsho
22 Feb 2024
Kgokgontsho ya bong mabapi le tsa tlhakanelo dikobo ntle le ditumalano, go tlwaelesegile e dirwa thata ke borre mme mo gongwe go sa lebelelwe go tseneletse se se bakileng seo.
Se, se builwe ke mogokaganyi wa lenaneo le le thusang dikgwebo tse di fatlhogang tsa bomme, Mme Lydia Mafhoko-Ditsa, kwa dithuto-puisanong tsa bomme le borre tse di neng di tshwerwe ka Laboraro kwa Malatswae, kwa kgaolong ya Serowe Bophirima e le go tlhagolela tsela letsatsi la boditshabatshaba la bomme, le le tlaa tshwarwang kwa Paje Mopitlo a tlhola garataro.
Mme Mafhoko-Ditsa a re letsatsi la bomme ke go ba leboga, go ba tlotlomatsa le go lemoga boleng jwa bone mo setshabeng ka bomme e le thari ya setshaba.
Setlhogo sa letsatsi ke, Invest in Women: Accelerate Progress.
A re le fa dipalo di supa fa borre ba di goga kwa pele ka kgokgontsho, go balelelwa le tsa tlhakanelo dikobo, bomme le bone ba na le seabe mo go gogeleng borre mo thaelong.
O supile fa gongwe fa rre a sa ntshe madi a mme a a batlang, mme o kgona go latofatsa rre ka thubetso. A re bangwe ba tlhakanela dikobo go reka mmereko.
Mme Mafhoko-Ditsa o boletse gape fa mo malatsing a gompieno, bomme ba gweba ka bana ba bone ba basetsana.
Rre Keagile Kenaape wa mokgatlho wa banana o o lwantshang kgokgontsho ya bong, o boletse fa kgokgontsho tsa mofuta oo di ka kgonwa fa borre le bone ba ka bega ditiragalo tseo kwa mapodising ka jaana dipalo di supa fa bomme e le bone ba begang fela.
O kaile fa gona le mefuta e le mentsi ya kgokgontsho go balelwa ya maikutlo, tlhakanelo dikobo kwa ntle ga tumalano, dititeo le go senya dithoto tsa yo mongwe.
Fa batsena dithuto ba bodiwa ka fa ba itsaneng ka teng morago ga go buisana mo ditlhotshwaneng, borre ba boletse fa mme a le senatla, e le teemane, a tlhokomela lelwapa e bile a etsi go apaya.
Ba kaile gape fa bomme ba le pelotelele, ba ka emela dikgwetlho fa rre e ne a sa nna jalo.
Borre ba re le mororo ba siame, mme o le lefufa mme gape a rata go sebaseba mo go tlisang kgokgontsho, e bile e le motho yo o buang thata.
Bomme bone ba tlhalositse fa rre a le bogale e bile a sena boammaruri. Ba boletse fa ba batla madi mo go borre e bile ba batla rre a ba fa nako ba le mmogo e seng go ya mabaleng le meraka nako tsotlhe.
Ba boletse fa ba batla tekatenano mo dikgwebong le mo ditirong le go tlhalosa fa borre ba le matlho matlho e bile ba rata tlhakanelo dikobo, ba tshola bana mo malwapeng a a farologaneng.
Mme Abaleng Khombane wa lephata la Merero ya Bong, o kgothaditse banyalani kgotsa bakapelo gore ba itsane, ba fane lerato, ba rerisane e bile ba seka ba fitlhelana sepe.
O supile fa mananeo a bomme a phutlhame ntateng ya lefufa mme a kopa gore ba ikamogele e bile ba emele maemo mangwe le mangwe mo setshabeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Dithuto-puisanong
Date : 22 Feb 2024