Matopi o rotloetsa banana go tsena mo kgwebong ya go roka
20 Feb 2024
Mookamedi wa Matopi’s Tailoring and Dress Making, Rre Morris Matopi o rotloeditse banana go tsena mo kgwebong ya go roka.
Rre Matopi wa ngwaga tse 39 a re o tlhalositse jalo mo potsolotsong bosheng.
A re o simolotse kgwebo ya gagwe ka ngwaga wa 2012 morago ga go rotloediwa ke rre mongwe gotswa Malawi yo a neng a bereka mo go ene go mo thusa go kgaola matsela go nna mo selekanyong sa go rokiwa le go rulaganya ditlhale tse di yang go dirisiwa.
O tlhalositse gore o ne a simolola ka mochine o o rokang ole mongwefela o a neng a o itheketse a roka dikhiba go di rekisa ka go tsamaya lelwapa goya ko go le lengwe.
“E ne yare morago ka bona dithuso tsa madi a dikete di le masome a mane le boroba bongwe a a busiwang, (P49 000 grant) gotswa kwa Lephateng la Banana”, ga tlhalosa Rre Matopi.
A re o ithutile tiro e ka go tsaya malebela a ntse a theogetse mme a tlelwa ke kgatlhego e e neng ya mo gwetlha go itshimololela kgwebo ya gagwe.
Rre Matopi a re go simolola go roka, motho o tshwanetse go ithuta pele kwa sekoleng sa tiro ya diatla le go bereka ga nakwana mo madirelong, a dira tiro e go atolosa kitso le botsipa ja gagwe.
O supile fa bo nnale ba ba rokang ba farologane e bile ba kwadilwe go ya ka tiriso ya bone.
A re gona le ba ba rokang go tlhamaletse, ba ba kgabisang le ba mefuta e mengwe ya go roka, a tlatsa ka gore bo nnale ba tshwana fela ga gona yo o botoka mogo yo mongwe.
Fa a bua ka kgwebo, o ne a re gona le paka e e yang kwa godimo jaaka dipaka tsa manyalo mme ka nako tse dintsi o thusa ba ba tsileng go hokotsa le go baakanya diaparo fela. O ne a tlhalosa gore mo nakong e e fetileng bane ba fiwa tiro ke ba khansele ya Bokone Botlhaba go dira paka ya dikole mo kgaolong mme jaanong tiro eo e dirwa ke dikhamphani tse di kwa Francistown.
A re dikgwetlho tse a kopanang le tsone ke go kgaoga ga motlakase le go duela lefelo le a direlang mo go lone fa kgwebo e ile tlase.
O ne a kgothatsa banana go sa tlhopha ditiro a tlatsa ka gore tiro ya go roka gase ya bomme fela a ba a rotloetsa ba ba nang le kgatlhego go ikopanya le ene gore a ba fe maele le go ba ruta, a tlatsa ka gore o rutile ba le bantsi e bile ba ipuletse dikgwebo tse di tsweletseng sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goweditswe Kome
Location : MASUNGA
Event : Potsolotso
Date : 20 Feb 2024