Breaking News

Banni ba lebogela ditlhabololo

20 Feb 2024

Ntswa puso e sa tswa go agela Banni ba Tobane le Tshokwe ba kopile go agelwa borogo jwa nakwana go ba thusa go kgabaganya noka ya Molabe.

Banni ba kopile seo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare Rre Molebatsi Molebatsi kwa metseng eo bosheng.

Ba ne ba kopa  puso go tshela tsela ee  kopanyang metse e mebedi eo sekonotere.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Tshokwe Rre Onthusitse Serolo o ne a leboga puso go bo e ba diretse borogo jwa nakwana.

Le fa go ntse jalo a re se, ga se a lekana mme a kopa puso go tshela tsela ya Tshokwe-Tobane sekonotere e bo e bowa e dira borogo ja sennela ruri.

A re moseka phofu ya gaabo ga a swe lentswe, mme ba tlaa tswelela ka go bua ka lentswe le le lengwe go kopa puso go dira tsela ya Tshokwe-Tobane ka gore ke yone e e ka ba thusang gore ba bone ditlamelo sentle.

A re go agwa ga borogo jwa nakwana jo bo kgabanyang noka ya molabe go a itumedisa.

Le fa go ntse jalo Rre Serolo o ne a supa matshwenyego mabapi le khansele ya Bobirwa, a tlhalosa fa go setse go le lebaka le le leele tsela ya Tshokwe-Robelela e sa gopiwe le ntswa e le diphatsa thata mo matshelong a batho.

E ntse e le tse di amang ditlhabololo, Rre Serolo o ne a lebogela kago ya leobo e e neng e agiwa ke bana ba motse wa Tshokwe ka lenaneo la namola leuba, a tlhalosa fa ba solofetse gore e re mo bogaufing le bo le rolwa semmuso.

O ne gape a leboga ba khansele go bo ba ne ba neela mongwe le mongwe yoo nang le semausu tshono ya go phakisa bana melora ka se se thusitse thata gore malwapa ka bontsi a obe letsogo.

Rre Serolo o ne a leboga puso go bo e kgonne go araba dilelo tsa bone le ntswa go sa lekana, a tlhalosa fa ba setse ba agetswe matlo a masha a batlhoki a le mararo mme a setse a a neetswe beng fa mangwe a santse a  agiwa.

E ntse e le tse di amang ditlhabololo, modulasetilo wa motse wa Robelela.

Mme Arabang Laolang o ne a supa fa ba itumeletse katoloso ya kokelwana ya motse, go tsenngwa ga mantlwana a a dirisang metsi kwa di ofising tsa mmaboipelego le matlo a mabedi a batlhoki a le o ne a setseng a neetswe beng ba one.

Mme Laolang o ne gape a tlhalosa fa banni ba Robelela ba tletse ka boitumelo morago ga go utlwa fa tsela e e dikhilomethara tse masome mane ya Mmadinare-Robelela e tlaa tsenngwa sekonotere.

O ne a re se ke phitlhelelo e kgolo ka batho ba ne ba tsaya sebaka se se leele ba emetse dikoloi mo nako dingwe ba patelesege go lala mo nageng ntateng ya letlhoko la dipalamo.

Le fa go ntse jalo o ne a lebogela lenaneo la mmabontle wa dikgaolo tse di kgakala le ditlamelo a re le thusa thata go epolola talente ya banana le go ba bula ditlhaloganyo mo go tsa kgwebo.

E rile a tswa la gagwe Mopalamente wa kgaolo Rre Molebatsi o tlhalositse gore tirisanyo mmogo  e tsisa maduo a a bonalang, mme a supa fa keletso ya gagwe e tona e le go bona matshelo a batho ba kgaolo ya gagwe a tokafetse.

O ne a rotloetsa banni ba metse eo go dirisa mananeo a a leng teng go ipulela dikgwebo, a tlhalosa fa go sa tswa go ribololwa lenaneo la Chema Chema le e tlaa reng mo nakong e e seng kgakala le bo le le mo tirisong mme a ba rotloetsa go  go inaakanya le lone.

Rre Molebatsi o ne a tlhalosa fa e tlaa a re kgwedi ya Tlhakole e le masome mabedi le bobedi rakonteraka a simolole go gorosa di dirisiwa tsa gagwe mme a kgothatsa ba ba santseng ba na le maatla a go bereka go ikatumetsa go batla ditiro gore ba obe letsogo.

O ne a re se ke tshono mo go ba dikgwebo tse dipotlana gore le bone ba itirele letseno ka go rekisa dijo le tse dingwe.

Mopalamente o ne a akgolela banni ba metse eo go bo ba ikwadiseditse ditlhopho ka dipalo tse di kwa gpdimo a tlhalosa fa se se supa boikarabelo.

Rre Molebatsi o ne a abela kgotla ya Tshokwe ditilo di le masome matlhano. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : ROBELELA/TSHOKWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Feb 2024