Komiti e abela dikgotla dipompo
20 Feb 2024
Banni ba kopilwe go tlhokomela ditlamelo tse ba thusiwang ka tsone go netefatsa fa di ba tswela mosola e bile ba ka roba go le gontsi mo go tsone mo lebakeng le leleele.
Se se builwe ke mokhanselara wa kgaolo ya Kgosing Rre Kebakgale Kutuso kwa kabong ya dipompo tsa metsi ee neng e dirwa ke komiti ya ditlhabololo ya Makala ka Labone kwa dikgotleng tse tharo tsa Maaloso, Maaloso a ngwana le Talaojane.
Rre Kutuso o tlhaloseditse banni fa kabo ya dipompo tse e bulela ditlhabololo tse dintsi tse di neng di ka seka tsa kgonagala go sena metsi, a supa gore jaanong baka akanya go aga matlo a boiteketso a metsi, maobo a kgotla kwa dikgotleng tsa Maaloso le Maaloso a ngwana le ditlhabololo tse dingwe ka jaanong ba na le metsi.
Mokhanselara o tladitse ka gore boleng teng jwa dipompo tse bo tlaa nolofatsa tiro ya go dira ditsela mo dikgotleng tsa bone.
O gakolotse banni go tlhokomela dipompo tse ka go di agelela ka gore dikgotla tsa bone ga dia agelelwa, a re se seka oka dikgomo tsedi ka feletsang di robile dipompo.
Rre Kutuso o gakolotse banni gore ba seka ba baya boikarabelo jwa go duela metsi fela mo go kgosi, mme a ba rotloetsa go nna ba ntsha lemmenyana go netefatsa fa ka letsatsi lepe ba ka seke ba kgaolelwe metsi.
Mokhanselara o tshepisitse banni gore o tlaa dira seabe sa gagwe ka go nna a latlhela lekgolo la dipula (P100) mo letloleng la metsi kgwedi le kgwedi.
Mookamedi wa dikomiti tsa ditlhabololo kwa khanseleng ya Serowe Rre Boitshoko Bolaane o lebogetse tiro ee dirilweng ke komiti ya ditlhabololo ya Makala a tlhalosa fa khansele e itumelela maiteko a bone a go tokafatsa matshelo a batho.
Rre Bolaane o gakolotse banni go dirisa dipompo tse kafa go tshwanetseng ka teng gore maiteko a komiti ya ditlhabololo a seka a wela fa fatshe.
Rre Bolaane o gateletse botlhokwa jwa go duela metsi kgwedi le kgwedi go itsa gore a kgaolwe ba bo ba sala ba iphotlhere gape.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Makala Rre Baedi Mpedi o tlhalositse fa go abela dikgotla tse tharo tse dipompo tsa metsi e ne ele go leka go tsibogela matshwenyego a batho a lenyora le go imolola banni ba nnang fa tlase ga dikgotla baba ntseng ba nosa morafe.
Rre Mpedi a re dikgotla ke dingwe tsa dikgotla tse ditona tsa Serowe, a tlatsa ka gore dikgotla tse di nna di itemogela dipalo tse dintsi tsa batho ba ba phuthegelang mo go tsone.
“Bagodi ba phuthegela mo dikgotleng tseo go tsaya dikamogelo tsa bone, mme go ngomola pelo gore ba bo ba tlhola ka lenyora.
Re setse re lapisitse batho ka go kopa metsi” modulasetilo a gatelela jalo.
Rre Mpedi o nankotse fa dipompo tse di gokeletswe ka kgwedi ya Herikgong ele masome a mabedi le bosupa mme di lopile madi a a kana ka P4 500 ka boraro jwa tsone.
Rre Mpedi a re go a ba itumedisa ele komiti ya ditlhabololo gore ba bo ba kgona go tsisa ditlhabololo tsa sennela ruri mo dikgotleng tse ba di eteletseng a tlatsa ka gore banni ba beile tshepho ya bone mo go bone gore ba ba tsisetse ditlhabololo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Patricia Speakson
Location : SEROWE
Event : kabo ya dipompo
Date : 20 Feb 2024