Ba rotloediwa go fokotsa dijo tse di sidilweng
19 Feb 2024
Go lemosegile fa bontsi jwa Batswana ba a ja dijo tse di sidilweng thata, di sena moroko o montsi e bile di sena dikotla tse di lekaneng.
Dipatlisiso di supa gape gore Batswana ga ba sa tlhole ba a ja dijo tse ba kileng ba bo ba di ja mo malobeng jaaka kabu, mosutlhane, dinawa le merogo ntateng ya ditlhabologo.
Se se builwe ke moitseanape wa dijo (nutritionist), Mme Malebogo Ramono go tswa Serowe/ Palapye District Health Management Team (DHMT) bosheng kwa Topisi, Moreomabele le Radisele kwa tirong ya mengwe ya metseletsele ya dithuto ka botsogo tsa go itlhokoletsa letsatsi la SADC Healthy Lifestyle, le le tlaa tshwarwang kwa Palapye kgwedi eno e le masome a mabedi le boraro.
Letsatsi leo, le ne le eteletswe pele ke bapalami ba dibaesekele ba Morupule Cycling Club ba ba neng ba tsena mo metseng eo ba palame dibaesekele, ba supa fa itshidilo mmele e kgona go dirwa le ka baesekele.
Mme Ramono o rotloeditse setshaba gore letsatsi le letsatsi ba rurifatse fa dijo tsa bone di na le merogo e mentsi, dikotla tse di tlhokegang le maungo.
A re dijo tse ba di jang di tshwanetse di nne mo selekanyong, di seka tsa nna dintsi thata.
A re fa motho a a ja dijo tse di nang le dikotla o rurifatsa fa a tlaa sireletsega mo malwetseng a a farologaneng a tshwana le kankere, madi a matona le sukiri.
A re ka fa batho ba tshelang ka teng letsatsi le letsatsi go ba baya mo boraing jwa go tsenwa ke malwetsi a a farologaneng.
Go goga motsoko, go nwa bojalwa phetelela, a re ke dingwe tsa dilo tse bangwe ba itlwaeditseng go di dira mme di ba baya mo boraing jwa go tsenwa ke malwetse a a sa alafesegeng.
Mme Ramono a re malwetse ka bontsi go ne go na le tumelo ya gore a tsena bagolo fela kana a tsena batho ba ba humileng mme dilo di fetogile, a bonwa le mo baneng ba bannye.
A re se se supa fa go nna le botsogo jo bo siameng go tewa botlhe, mogolo le monana. O rotloeditse setshaba go itshidila mmele ka e le sengwe sa tse di ka dirwang fa motho a tsweletse a a ja sentle.
O rotloeditse setshaba go fokotsa letswai, sukiri le mafura ka di ba baya mo diphatseng.
Mme Ramono a re bodiphatsa bo simolola mo go reng motho o tshela jang, a o tshela botshelo jo bo siamemg mme a gatelela ntlha ya gore motho ke ene a itseelang ditshwetso ka o kgona go fetola ka mo a dirang dilo ka teng.
Rre Obusitswe Pitlagano go tswa kwa ofising ya molaodi o kopile banni ba metse eo go tla go ipelela letsatsi la SADC Healthy Lifestyle Day kwa Palapye.
A re letsatsi leo, le tshwarwa ngwaga le ngwaga mme mo nakong eno go tlhophilwe Palapye gore le ketekelwe teng mme go tlaabo go rutiwa ka malwetsi a a sa tshelanweng.
Rre Pitlagano a re puso e tseetse kwa godimo dithuto tse di ikamanyang le go rotloetsa setshaba go ikgapha mo malwetseng ka go farologana.
Moeteledipele wa setlhopa sa Morupule Cycling Club, Rre Tshepo Lethole o rotloeditse banni go itshidila mmele. A re baesekele ke nngwe ya tse ba ka di dirisang go itshidila ba sa tlhoke le go ya kwa mafelong a itshidilo mmele.
A re mokgatlho wa bone o simolotswe e le wa babereki ba Morupule Coal Mine mme mo nakong eno, o letlelela setshaba go o tsenelela.
O supile fa mokgatlho o kwadisitswe ka fa molaong e bile o kgona go tsenelela dikgaisano tsa mabelo a dibaesekele a re bogogi jwa Morupule Coal Mine bo rotloetsa itshidilo mmele jaaka ba letleletse gore mokgatlho oo o simolole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : TOPISI
Event : Dithuto ka botsogo
Date : 19 Feb 2024