Kgaolo ya Palapye e tlaa tshegetsa letsatsi la SADC Healthy Lifestyle
19 Feb 2024
Mo maitekong a go tsibosa ka borai le go lwantsha malwetse a a sa tshelanweng, Kgaolo ya Palapye e tlaa tshegetsa letsatsi la mafatshefatshe la SADC Healthy lifestyle Kgwedi ya Tlhakole e le masome a mabedi le boraro.
Pele ga letsatsi le, go tlaa tshwarwa metseletsele ya ditiragalo go tlhagolela letsatsi leo.
Se se buile ke mogokaganyi wa merero ya HIV/AIDS (DAC) Rre Thuso Ernest kwa Mogwantong wa tshimologo ya metseletsele ya ditiragalo tse di tlaa dirwang pele ga letsatsi leo oo neng o tshwerwe mo Palapye ka Matlhatso.
A re ka ngwaga wa 2008 maloko a SADC a ne a tlhoma letsatsi la African Healthy Lifestyle go tshwarwa mo Labotlhanong wa bofelo wa kgweding ya Thakole ngwaga le ngwaga, ka thulaganyo ya World Health Organization (WHO) maikaelelo e le go thibela le go laola malwetsi a a sa tshelanweng.
Rre Enerst a re Botswana o simolotse go ipelela letsatsi le ka ngwaga wa 2012 le tshwarwa ke dikgalo ka go farologana.
A re letsatsi le tlhometswe go ruta le go tsibosa setshaba ka malwetse a, a mo nakong eno a golang ka lebelo le le kwa godimo lefatshe ka bophara.
Mogolwane wa kokelo ya Palapye Dr Kebonye Motlhala o ne a leboga setshaba go bo ba tsibogetse pitso ya mogwanto ka dipalo tse di kwa godimo.
Dr Motlhala a re maikaelelo a letsatsi le ke go gakolola setshaba ka thibelo le twantsho ya malwetse aa sa tshelanweng mme a le borai.
A re maikaelelo a mogwanto e ne e le go lemotsha setshaba botlhokwa jwa itshidilo mmele le go ba rotloetsa go tswelela ba e tsenya mo mananeong a bone a letsatsi le letsatsi.
Dr Motlhala a re thulaganyo ya go ipelela letsatsi la SADC Healthy lifestyle le na le tiragalo tse di rotloetsang itshidilo mmele jaaka mogwanto le mabelo a dibaesekele le tlhatlhobo ya malwetse kwa Matlhakola ka Tlhakole 20 le kwa Lesenepole ka Tlhakole 21.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : PALAPYE
Event : ipelelo letsatsi
Date : 19 Feb 2024