Breaking News

Balemi ba Tumasera ga ba ipone tsapa

18 Feb 2024

Le fa temo ya dingwaga tseno e le boutsana ka ntlha ya phetogo ya loapi, go na le balemi ba ba sa iponeng tsapa go lema ngwaga le ngwaga.

Mme Lemipi Badubi wa masimo a Bonwaesi kwa kgaolong ya Tumasera ke mongwe wa ba ba lemang le fa pula e le boutsana.

Mo potsolotsong bosheng Mme Badubi yo o dingwaga tse di masome a marataro le bone (64) a re o tswa kgakala le temo ya komelelo e gantsi e laolwang ke bokete le selekanyo sa dipula.

A re ba ne ba lema ka dithata tsa bone pele go tla mananeo a tshwana le la ISPAAD a a lemelang batho mahala.

Mme Badubi a re lenaneo le lesha la Temo Letlotlo le tsile morago a tlhalosa gore seo ga se a ka sa mo paledisa go baya tema.

A re mo dipuleng tse di boutsana tse, o kgonne go baya ditema tse pedi a gasa a duela terekere P800 tema e le nngwe.

O tlhalositse fa a lemile mo kgweding ya Sedimonthole e tlhola malatsi a le masome a mabedi le borataro (26) mme a lema dinawa,magapu , mmidi,mabele,ditloo le manoko.

Mme Badubi a re o na le tsholofelo e bile a lebile loapi gore fa pula e ka na o ka roba sengwe.

A re kgwetlho e tona mo temong ke dipula tse di boutsana fa gongwe di tla morago ga nako ya temo, diji le tlhaelo ya diterekere.

Mme Badubi o ne a rotloetsa balemi gore ba seka ba kgobiwa marapo ke dipula tse di boutsana go akola mananeo a temo jaaka la Temo Letlotlo.

Molemi yo mongwe wa masimo a Mmakolobe Mme Ntshenyang Basupeng wa dingwaga tse di masome a supa le boraro(73) le ene ga a ipone tsapa go lema.

Mme Bosupeng a re temo e gaufi le pelo ya gagwe ka jalo ngwaga le ngwaga o baya ditema le fa go na le dikgwetlho.

Le ene fela jaaka Mme Badubi o ne a re ka ntlha ya tiego ya lenaneo le lesha la Temo Letlotlo o kgonne go lema tema tse pedi, a gasa le go ituelela terekere.

Mme Bosupeng a re o lema ngwaga le ngwaga a netefatsa gore o tlhokomela temo ya gagwe ka go itlhagolela.

Mme Basupeng le ene o lemile mo kgweding ya Sedimonthole e le masome a mabedi le bongwe mme o lemile lab lab, mabele, magapu le dinawa.

A re o letile ka tsholofelo gore pula e tlaa sarasara ba kgone go kgona go roba sengwe.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : TUMASERA

Event : Potsolotso

Date : 18 Feb 2024