Breaking News

Kgotla e a tlotlwa-Segwaba

18 Feb 2024

Banni ba Kaudwane kwa kgaolong ya Letlhakeng ba kopilwe go tlotla kgotla le bogosi jwa bone.

Kgosi Tsholo Segwaba wa Kaudwane o buile se bosheng mo phuthegong ya kgotla e a neng a e bileditse go kgalema a re o ne a bona motse wa gagwe o tsenwa ke phefo.

A re le fa gotwe mafoko a kgotla a mantle otlhe, ga go reye gore banni ba tswe mo sethong.

Kgosi Segwaba o kopile banni go emisa go bua semorafe mo kgotleng, go dibela kagiso le thokgamo e Batswana ba tswang kgakala ba e akola.

“Mogopolo o bangwe ba nang nao wa go ntsha batho ba Kaudwane mo sethong ga nkake ka o letlelela mo kgotleng,” Kgosi Segwaba a kgalema. O kopile botlhe go tsaya boikarabelo jwa go bona gore tse ba di buang mo kgotleng di aga motse go na le go tlisa modumo mo motseng a bo a supa fa go tsogologela bogosi go ka tlhakatlhakanya motse.

Kgosi Segwaba o ne a ba balela lekwalo la ga Baroma kgaolo ya lesome le boraro temana ya ntlha e e reng, ‘A motho mongwe le mongwe a ineele mo go utlweng babusi ba bagolo, go nne ga gona mmuso ope fa e se o o tswang mo Modimong, mme babusi ba ba leng teng ba beilwe ke Modimo’.

A re le fa morafe o na le tshwanelo ya go ikamanya le diphati tsa sepolotiki, o seka wa tlisa sepolotiki mo kgotleng mme ba farologanye dikgang tsa sepolotiki le tsa kgotla.

Monni wa motse, Rre Keratwaemang Kekailwe o supile fa ba utlwa mafoko a kgalemo a ga kgosi, a supa fa ba utlwisiwa botlhoko ke mafoko a bangwe ba ba kgobang ka one, a re ba tlaa kopana e le morafe go ikgalemela gore go nne le ledula mo motseng.

Kgosi Ofentse Chelete le ene o ne a supa fa ba agela mafoko a ga Kgosi Segwaba mosako, a re go molemo gore seemo se kgalemelwe se ise se tswe mo taolong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : KAUDWANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Feb 2024