Ditlou di kgoreletsa temo
18 Feb 2024
Balemi ba Tobane ba rotloeditswe go ikopanya gore ba kgone go thusiwa ke puso go agelela masimo a bone.
Se se builwe ke Mopalamente wa Mmadinare Rre Molebatsi Molebatsi fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Tobane.
Rre Molebatsi a re go agelela masimo go botlhokwa thata ka go ka thusa gore balemi ba thusiwe ka terata ya motlakase go itsa ditlou go ba senyetsa.
A re palo ya ditlou e tsweletse ka go golela pele mo kgaolong, mme se, se baya temo ka fa mosing ka ditlou di kgona go dira tshenyo e ntsi mo masimong.
Mo godimo moo, Rre Molebatsi o rotloeditse balemi go nna kwa masimo ka nako ya temo gore ba kgone ba tlhokomele dijwalo tsa bone sentle.
A re lenaneo le Temo Letlotlo le batla balemi ba ba ikemiseditseng go ntsha dijo, ka jalo go botlhokwa go tlhokomela le go tsaya dikgakololo tsa balemisi.
Mopalamente a re kwa Tobane go supegile fa balemi ba le makgolo mararo ba nnile le kgatlhego mo lenaneong le lesha la Temo Letlotlo mme a rotloetsa gore ba ikiteye ka thupana go dirisa lenaneo le go tlhabolola temo ya bone.
Mo go tse dingwe Rre Molebatsi o tlhaloseditse banni ba Tobane fa a tlaa kopa ba lephata le le itebagantseng le go fa diteseletso tsa go gweba ka motlhaba go tla go buisa phuthego kwa motseng oo go itsa dikgotlhang fa gare ga morafe le bagwebi ba motlhaba.
A re banni ba na le tshwanelo ya go tlhalosediwa melao e e itebagantseng le go laola ga go epiwa ga motlhaba mo nokeng ya Motloutse e fetang gaufi le motse wa bone.
Banni ba ne ba itela mo go Rre Molebatsi fa ba sa jesiwe diwelang ke batho ba ba epang motlhaba mo nokeng ya bone e bile ba dira jalo ba sa rerisa morafe.
Le fa go ntse jalo, Rre Molebatsi o lebogetse banni ba Tobane gore ebe ba ile ba tsaya maikarabelo a go ikwadisetsa ditlhopho ka dipalo tse di kwa godimo, a tlhalosa fa go dira jalo ele tshwanelo ya bone ya gore ba tle ba itlhophele babusi ba bone.
Le fa go ntse jalo, a re ba ele tlhoko gore go se nne ope yo o tlang a tswa kwa ntle go tla go tlhopha mo motseng wa bone ka gore batho ba go nna jalo ba ka tloga ba ba tlhophela babusi ba ba sa ba bateng gore e nne bone ba ba busag.
Banni ba ne ba leboga Rre Molebatsi gore aba a tsere matsapa a go ba tsibosa ka botlhokwa ja tlhopho ya bone.
Ba ne ba rotloetsana gore ba emise dipharologanyo tsa bone gore ba tle ba kgone ba ikopanye gore le bone ba kgone go akola lenaneo la Temo-Letlotlo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : TOBANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 18 Feb 2024