Breaking News

Go gola ga dikgang tsa thubetso go a tshwenya

18 Feb 2024

Go gola ga dikgetsi di tshwana le go dirisiwa ga bana mo go tsa tlhakanelo dikobo, thubetso, matshosetsi a go bolaya, go leka go thubetsa, go gobatsa ba bangwe le go sa tlhokomela bana go a tshwenya mo Okavango.

Se se builwe ke Modulasetilo wa Khansele ya Okavango, Rre Gaopalelwe Ronald fa a bula bokopano jwa khansele eo bosheng.

Rre Ronald o supile fa metse ya Shakawe le Seronga e gatisitse dikgetsi tse di kwa godimo tsa petelelo mo ngwageng ono go tshwantshanngwa le ngwaga oo fetileng mme a re motse wa Gumare o ne dipalo di wetse tlase.

Modulasetilo o ne a re go supa fa nnotagi le ditagi di na le seabe mo koketsegong ya dikgetsi tsa mofuta o.

Le fa go ntse jalo, Rre Ronald o ne a re go na le kwelo tlase e nnye mo dikgetsing tsa kgokgontsho ya bong ka kakaretso.

A re go gatisitswe dikgetsi di le lekgolo le masome a mane le boferabongwe (149) go tse di lekgolo le masome a matlhano le bobedi (152) tsa ngwaga oo fetileng.

O ne a re go fokotsega ga dikgetsi tsa dikiteo tse di bakang dikgobalo le dikiteo tse di potlana go fokoditse dikgetsi tsa kgokgontsho ya bong mo kgaolong.

Rre Ronald o ne a re phokotsego eo ke ka mabaka a dithuto tse di tshwarwang go tsibosa setshaba ka kgokgontsho ke ba sepodisi le makalana a mangwe.

A re go bulwa ga lekalana le le dirang ka dikgetsi tse di amang bana kwa Shakawe le le rotloetsang batho go bega dikgetsi ka phuthologo go nnile le seabe.

O tlhalositse gore lekalana la tsa Bong le Tshireletso ya bana le lone le dira ka natla go rutuntsha baithuti kwa dikoleng le batsadi ka kgokgontsho ya bong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : GUMARE

Event : Bokopano jwa khansele

Date : 18 Feb 2024