Bagodi ba tlhoka go fiwa lerato
18 Feb 2024
Go botlhokwa gore bagodi ba tshele malatsi a bone a bogodi ka kagiso, ba itumelela letsatsi lengwe le lengwe la botshelo jwa bone.
Se se buileng ke mogolwane wa ofisi ya mopalamente wa kgaolo ya Palapye, Mme Oteng Kebitseope kwa moletlong wa Tea with Grannies ka Laboraro kwa Palapye.
Moletlo oo, o o simolotseng ngwaga o o fetileng, ke moono le thulaganyo ya mokhanselara wa kgaolo ya Mmaphula botlhaba, Rre Mompoloki Mohutsiwa ka maikaelelo a go supa lorato mo bagoding ka letsatsi la Lerato (Valentine’s Day).
Mme Kebitseope a re gore mogodi a tshele a itekanetse mo maikutlong le tlhaloganyo, o tshwanetse a inaakanya le mekgatlho le ditlhopha tse a kopanang le ba bangwe gangwe le gape.
A re ba tshwanetse go nna ba phuthulogile ba amogela go etelwa ke batho le masika, ba kgona le go agisanya batho.
Mme Kebitseope o ne a akgolela bagodi go dirisa dithoto le madi a bone sentle ba sa boloke madi a mantsi mme matshelo a bone a letsatsi le letsatsi a le kwa tlase kana ba sokola.
O ba rotloeditse go kgaoganya dithoto tsa bone ka mokwalo ba santse ba le mo botshelong, go itsa dintwa tsa boswa.
A re bagodi ba tswanetse ba tlhokomela maikutlo a bone ba ikanya Modimo, ba itshwarela ba bangwe e bile ba sa tshware dikgopi.
Mme Kebitseope o gakolotse bagodi go rata le go tlhokomela batlhokomedi ba bone a re batsadi bangwe ba na le mokgwa wa go galaletsa le go rorisa bana ba ba sa ba tlhokomeleng.
A re seemo se, se kgoba batlhokomedi marapo ka ba akanya gore ba a dirisiwa mme bangwe ba felele ba ba phuaganya. O lebogile moono o o dirilweng ke mokhanselara a re ke sesupo sa lorato le go kgathala ka ba bangwe.
Fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi, morulaganyi le mong wa mogopolo wa go phutha bagodi, Rre Mohutsiwa o tlhalositse fa e le go tsisa monyenyo le boitumelo mo bagoding ka letsatsi la lorato.
Rre Mohutsiwa a re ka lone letsatsi le, ba bo ba kgobokantse makalana ka go farologana go akaretsa le ba botsogo go tla go fa bagodi ditirelo .
A re letsatsi le ke la morafe ka jaana go na le batsaya karolo le barotloetsi ba le bantsi mo go lone .
Rre Mohutsiwa a re bonkuku le bontatemogolo ba nnile le karolo e tona ya go tlhokomela bana le bana ba bana ka jalo, ba tlhoka go lemogiwa ka mo go faphegile.
A re go ba fa sebaka sa go ba lekola le go ba fa lerato, le bone ba amogana lorato le bagodi ba bangwe.
Mongwe wa bagodi, Rre Dingalo Daniel o lebogile mo boemong jwa bagodi a re se ba se dirileng ke sesupo sa lorato le go kgathala ka bagodi.
Rre Daniel o gwetlhile banana go tsaya malebela mo bathong ba ba dirang ditiro tse dintle tse di tshwanang le go gakologelwa batsadi.
Moletlo o, o ne o tsenwe ke bagodi ba le 150 go na le dimpho tse di akaretsang motshine o o tlhatlhobang madi a matona, motshine o o tlhatlhobang sukiri, bopi jwa korong le boroko jwa letsatsi le le lengwe jwa bagodi (two couples) kwa Bonjour Inn guest house. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : PALAPYE
Event : Moletlo
Date : 18 Feb 2024