Ba Makopong ba lela ka ditsha tsa masimo
15 Feb 2024
Banni ba Makopong ba lela ka tiego ya go bewa ditsha tsa masimo ke lekgotla la kabo ditsha la Kgalagadi, selo se ba supileng fa se tlaa ba itsa go akola mananeo a a itebagantseng le temo jaaka la Temo Letlotlo le a mangwe.
Ka jalo ba kopa ba kabo ditsha go potlakela selo se, gore le bone jaaka Batswana ba bangwe ba kgone go itshetsa ka mananeo a pusong e tlang ka one go tlhabolola matshelo a Batswana.
Ba buile matshweneyego a mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi kwa Makopong e maikaelelo a yone e neng e le go tla go rerisana le morafe ka dikgang tse di amang go ajwa ga lefatshe le matshweyego a morafe.
Mothusa modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Kgalagadi, Rre Tities Estruhuizen o ne a tlhalosa fa tsamaiso ya go aba lefatshe ba e tshwaraganetse le ba-na-le seabe ba akaretsa dikhansele, boeteledipele jwa metse jaaka dikgosi le VDC ka e le bone ba ka eletsang gore motse o ka golela kae morago ga go rerisana le morafe.
Rre Estruhuizen a re morago ga moo lekgotla la kabo ditsha le dira base map go lebelela gore a mme ga gona sepe jaaka mealo ya metsi kana ditlhaeletsanyo tse di mo lefatsheng leo.
O boletse fa morago ba tshwaragana le khansele go dira moalo morago ba sekaseke gore sekidi seo se tlaa ntsha ditsha tsa bonno di le kae, tsa dikgwebo jalo jalo ba bo ba potiela moalo.
Mothusa modulasetilo o ne a tlhalosa fa motse wa Makopong o na le batho ba le masome a matlhano le boferabongwe ba ba emetseng go bewa ditsha tsa bonno fa ba le makgolo a marataro masome a mabedi ba emetse go bewa tsa masimo.
O supile fa ba tshwentswe ke dipalo tseo mme go sena lefatshe le ba ka bayang batho mo go lone.
O ne a gwetlha banni go ya go kwadisa ditsha tsa bone tsa bonno go nna le tshiamelo ya setlankana se se sireletsegileng sa Secure Land Title, a supa fa go ikwadisitse batho ba le 467 mo palong ya batho ba le 1 292 ba ba tshwanetseng go ikwadisa.
Mothusa mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Kgalagadi o ne a supa fa ba na le matshwenyego a melala ya dikoloto tsa lease tsa banni mo kgaolong eo tse di fetang P17 million a e leng a dikgwebo tse di farologanyeng mme mo go one ba kgonne go phutha P667 516.67 fela.
Ka jalo o ne a kopa boeteledipele go ba thusa go rotloetsa ba ba melato go duela.
Rre Estruhuizen o ne a supa fa ka mabaka a dikoloto tseo ba sa kgone go dira ditiro tsa lekgotla sentle ka madi a ba a neelwang ke puso a sa lekane go ka tsamaisa lekgotla leo.
Fa a afa maikaelelo a lekgotla la bone, mothusa mokwaledi mo lekgotleng le le botlana la kabo ditsha la Tsabong, Rre Neo Kotokwe a re ba ikaelela go etela merafe kgapetsakgapetsa go utlwa dingongora tsa bone mabapi le ditsha ka seo se ka thusa go tswa ka ditharabololo tse di maleba.
Le ntswa go na le tlhaelo ya lefatshe, Rre Kotokwe o supile fa go na le batho ba ba abetsweng ditsha mme ba sa di tlhabolole kana go di busetsa kwa lekgotleng la Kabo ditsha fa ba sa kgone ka di ka thusa mo tharabololong ya tlhaelo ya lefatshe.
Le fa go ntse jalo, Rre Kokokwe o boletse fa e ne ya re morago ga go ntshiwa ga taelo ya ga Tautona ya go aba ditsha di le 100 000 lefatshe ka bophara ka 2022, lekgotla la kabo ditsha la Kgalagadi le setse le abetse Batswana ditsha di le 1 640 ka ngwaga wa madi wa 2022/2023 mme ngwaga wa madi wa 2023/2024 go abilwe di le masome a a ferang bobedi le botlhano.
Mongwe wa banni Mme Ednah Podisi o ne a supa fa go sena therisanyo fa gare ga lekgotla leo le morafe jaaka pele mme a ba kopa go boela kwa marakanelong a ditsela go ipaakanya.
Mme Podisi o ne a ngongorega ka diphatlha tse di mo gare ga motse oo, a supa fa di ka thusa thata mo tlhaelong ya ditsha, a supa fa gape ba na le tlhobaelo ya ditlankana tse disha tsa SLT tse ba saleng ba di emetse mme di sa goroge mo diatleng tsa bone gammogo le tiego ya ditsha tsa masimo e bontsi jwa morafe ba neng ba ngongorega ka yone.
Fa a akgwa banni ba Makopong dikgaba, Rre Kotokwe o ne a supa fa tsamaiso ya go dira ditlanakana tse di sha e tsaya lobaka mme a tlatsa ka go ba kopa go ba thusa go batla lefatshe go baya ditsha tsa masimo le bonno go rarabolola dikgang tsa bone.
Mo dikgannyeng tse dingwe jaaka tsa ditsha tsa boswa le ditsha tse di tlhatlaganeng o boletse fa ba tlaa tswa ka ditharabololo tsa tsone fa tse dingwe ba tlaa boa go tla go buisana le go rerisana le morafe ka tsone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Makopong
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 15 Feb 2024