Breaking News

Mokhanselara o rotloetsa badiri

15 Feb 2024

Badiri ba khansele ya Palapye ba rotloeditswe go isa lerato kwa pele mo matshelong a bone a letsatsi le letsatsi.

Mokhanselara wa Mmaphula Legare mo Palapye, Mme Allen Ntshekisang o kgothaditse badiri bao ka letsatsi la go ipelela lerato kgotsa Valentine’s Day ka Laboraro.

A re gore motho a nne ka kagiso mo moweng o tshwanetse a simolole ka go ipha lerato le go le ikapesa.

A re pele ga lerato le tswa mo mothong le neelwa ba bangwe, yo o le fang ba bangwe o tshwanetse a rurifatse gore o na le lerato mo go ene. Mme Ntshekisang o ne a gakolola badiri bao ba ba neng ba tsile mmerekong ba apere bosweu le bohibidu, e e aparwang thata ka letsatsi leo, gore ga go na motho yo o ka tswang kwa ntle a neela motho lerato ntswa motho yoo a sa le ineela pele.

A re gore motho a solofele lerato mo go ba ba mo tikologong ya gagwe kana ba a tshelang le bone o tshwanetse a nne le lerato mo go ene e bile a bo a le fetisetsa kwa go ba bangwe. 

O ne a re lerato e tshwanetse e nne pinagare ya fa motho a leng teng le ba a tshelang le bone.

Mme Ntshekisang o ne a supa fa a na le dingwaga tse di masome mane a le mo nyalong e e boitshepo mme molemo wa lenyalo la gagwe e le go neelana lerato.

A re lerato ga le rekwe, ka jalo ke selo se se tswang mo Modimong a bo a se tsenya mo pelong ya motho mme go laola gore motho ene o le tshegetsa jang e bile o le sireletsa jang gore le seka la mo latlhegela.

O ne a supa fa bangwe ba rata go ratwa mme ba ka seka ba ntsha lerato leo ba le neela ba bangwe, a supa fa seo e le phoso e bangwe ba e dirang.

Mme Nthsekisang a re lerato le seka la tsewa motlhofo fela ka e le selo se se tshwanetseng sa tswa mo boteng jwa pelo.

A re badiri le bone ba tshwanetse ba neelane lerato kwa ba direlang teng mme ba bo ba le neela setshaba se se tsileng go kopa ditirelo mo go bone.

Mme Ntshekisang o ne a kgothatsa badiri bao go simolola lerato kwa malwapeng ka go le neela ba ba tshelang le bone mme seo se tlaa bula tsela ya gore ba kgone go le isa kwa ba direlang teng.

Fa a itebaganya le banyalani gammogo le baratani, Mme Ntshekisang o ne a ba kopa go tshela ka lerato le go tshephana e bile ba beile Modimo kwa pele gore malwapa a bone a babalesege.

A re go ipelela letsasi la lerato ga go a tshwanela go felela kwa ditirong mme go tshwanetse go tsene le kwa malwapeng.

Mokwaledi wa khansele ya Palapye, Rre Oboikanngo Kuti o ne a akgolela badiri bao go bo ba ne ba bona go tshwanela gore ba apare mebala e e supang letsatsi la Valentine’s Day.

A re se se supa fa ba le mo maikaelelong a go tswelela ba isa lerato kwa pele mo tirong ya bone ya go isa ditirelo kwa morafeng le kwa malwapeng.

O ne a kopa badiri bao go bala temana ya ga Johane wa ntlha kgaolo ya bone, temana ya bosupa e e buang ka lerato.

Modulasetilo wa khansele ya Palapye, Rre Jordan Makhura ene o ne a lebogela badiri ba khansele go tlhoafalela go direla setshaba sa lefatshe leno. 

O ne a kopa baeteledipele ba khansele ya Palapye go leboga badiri fa ba dira sentle le gone go tswelela ba keteka Valentine’s Day ngwaga le ngwaga. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Palapye

Event : Bokopano

Date : 15 Feb 2024