Temo Letlotlo e ka tswela Batswana mosola
14 Feb 2024
Mogolwane wa lephata la Temo Thuo kwa Gaborone, Rre Ignacious Kgaodi o rotloediste banni ba Kgalagadi Borwa go inaakanya le lenaneo la Temo Letlotlo ka le ka ba solegela molemo ka go tshetsa malwapa le go tokafatsa seemo sa dijo mo lefatsheng leno.
Rre Kgaodi o buile jaana mo phuthegong ya kgotla mo Tsabong ka Mosupologo, a supa puso e ne ya tsaya ditshwetso tsa go simolodisa lenaneo leo go emisetsa la ISPAAD le le neng le thusa balemi mme ditshekatsheko di supile fa le ne le sa ntshe maduo a a itumedisang.
O ne a tlhalosa fa le ka akolwa ke Motswana mongwe le mongwe yo o nang le dingwaga tse di lesome le boferabobedi go ya kwa godimo a ikwadisitse ka maranayane mo balemising ba e leng bone batshwarateu mo lenaneong leo.
A re moikopedi a bo a na le tshimo kana a e adimile. Rre Kgaodi o ne a tlhalosa fa ba ba senang matshimo ba ka adima mo lobakeng lwa dinagwaga tse tlhano go ya kwa go tse di lesome.
E re ka jaana lenaneo le santse le le lesha, o ne a kgothatsa balemi go le ipaakanyetsa mo ngwageng o o tlang ka le simolodisitswe letsema le le gaufi le ntswa sekgoreletsi mo Kgalagadi e le pula e e tlwaelesegileng ka boutsana.
Rre Kgaodi o ne a tlhalosa fa Temo Letlotlo e thusa batho go ya ka fa ba tshelang ka teng ka ditlhopha tse tharo, e leng balemi ba ba botlana ba ba thusiwang ka sengwe le sengwe sa temo, ba ba fa gare le ba ba kwa godimo.
O ne a supa fa puso e dirile ditumalano le Banka ya Ditlhabololo (NDB) go adima balemi madi a go reka tsotlhe tse di tlhokafalang mo temong, e le tsela nngwe ya go tokafatsa matshelo a bone le seemo sa dijo mo lefatsheng leno.
Rre Kgaodi o ne a supa fa go ikwadisitse balemi ba le 593 mme mo palong eo, ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ba le 292 ba e leng bone ba tlaa thusiwang mahala mme ba le 45 ba setse ba beile ditema. O boletse fa Lephata la Temo-Thuo le tshwaraganye le maphata a akaretsa lekgotla la kabo ditsha, ba Omang le Botswana Agricultural Marketing Board le e leng lone le thusang ka dipeo le a mangwe go thusa mo katlegong ya lenaneo leo.
O kgothaditse balemi go ipopa setlhopha ba le lesome ka Temo Letlotlo e ka ba thusa ka go teratelela masimo ba sa duele sepe fa ba bapile.
Rre Kgaodi o ne a gakolola beng ba diterekere gore ba seka ba ja balemi ntsoma ka go lopa dituelo tse di kwa godimo ba lebile gore go duela puso.
E re ka jaana balemi ba ne ba ngongorega ka letlhoko la dipalamo fa balemisi ba tshwanentse go ba thusa, Rre Kgaoodi o ne a tlhalosa fa Lephata la Temo-Thuo le dirile ditumalano gore balemisi ba dirise dikoloi tsa bone go tlhofofatsa tiro ka puso e tla ba duelela go dira jalo.
O boletse le gore gape lephata le okeditse palo ya balemisi go ba kgontsha go thusa balemi ba lebeletse bophara jwa dikgaolo.
Motshwarelela rabalemisi mo Kgalagadi Borwa, Mme Mariam Mosimenyane o ne a tlhalosa fa ditshekatsheko di supa dijalo tse di dirang sentle mo kgaolong eo e le dinawa, marotse, magapu le lablab, a supa fa mmidi one o sa dire sentle ka o tlhokana le metsi a mantsi mme pula e na ka boutsana.
Balemisi mo kgaolong eo ba ne ba gakolola bomme ba ba nyetsweng go fetolela difane tsa manyalo mo ditlankaneng tsa masimo gore ba kgone go akola lenaneo leo sentle ka go tlhokega gore maina a nyalane le Omang le gone go gakolola balemi go bereka mmogo le bone gore lenaneo leo le atlege.
Banni ba ne ba galaletsa lenaneo leo le ntswa ba ne ba le ’bete se molangwana ka pula e e boutsana.
Rre Tshipietsile Mothelesi o ne a supa fa nako e gorogile gore puso e sekaseke mananeo a a siametseng kgaolo eo.
Mme Efa Motlhanke o ne a supa fa a lemile ka Temo Letlotlo mono ngwaga mme e bile sengwe le sengwe se tsamaile ka thelelo ka jaana a ne a tshwaraganye le balemisi sentle e bile mo nakong eno raterekere a setse a duetswe mme e bile a na le tsholofelo ya gore Ramasedi a tlaa kolobetsa lefatshe.
Mo mafokong a gagwe a tebogo, Mokhanselara wa Tsabong Botlhaba, Rre Peter Megano o ne a galaletsa lenaneo leo mme a rotloetsa balemi go innakanya le lone, a supa fa gape ba tlaa oba letsogo ka go rekisa kwa dikoleng ka puso e rotloetsa bana go ja dijo tsa temo.
O ne a tlatsa ka go rotloetsa ba BAMB go tlhotlhomamisa gore dipeo di teng ka dinako tsotlhe go itsa tiego e e ka felelang e baka dikgotlhang, go ba busetsa kwa morago le go kgoba balemi marapo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Phuthegong ya kgotla
Date : 14 Feb 2024