Breaking News

Ngwana ke wa ga ka tsala - kgosi

14 Feb 2024

Bogologolo go ne go tumile gore motho yo o timilweng thari o tsalelwa ngwana ke mongwe wa lesika a bo a godisa ngwana yoo jaaka wa gagwe. 

Thulaganyo e, e ne e dirwa gape e le tsela ya go imolola morwalo, motho yo o nang le bana ba bantsi mme a sa kgone go ba tlhokomela. 

E ne ya re ngogola pele ga go tlhokafala ga ga Kgosi Kgomotso Boiditswe yo e neng e le motshwarelela kgosi ya Serowe, a tlhalosetsa BOPA fa thulaganyo e mo bogompienong e sa tlhole e le ntsi, e bile le ene a dumela e siilwe ke nako. 

Kgosi Boiditswe o ne a re, le fa thulaganyo e e ne e dirwa ka mowa o montle wa go batla go thusa yo o tlhokileng lesego, e na le dibelebejane. 

“Go le gantsi mo kgotleng re seka dikgang tsa boswa tse di tlhagogang fa ene yo o neng a tsaletswe ngwana a sena go tlhokafala. 

Fa e le gore ke yo o neng a na le bana ba bangwe, ba sala ba lwantsha yo a neng a tsaletswe motsadi wa bone, ba supa fa motho yo o neng a le foo ka ene a hulere,” Kgosi a tlhalosa. 

Kgosi Boiditswe o tlhalositse fa dikgang tse di amang bana ba ba tsaletsweng ba masika di le dintsi e bile di ngomola pelo, ka jalo a rotloetsa batsadi go nna le bana ba bone go itsa go fitlhela ba tsentse bana mo diemong tse di thata. 

“A bana ba lona ba je se le se jang, metlha e fetlogile batho le bone ba fetlogile. 

Ngwana o tlhoka bothitho jwa lerato lwa motsadi wa gagwe, go sa kgathalesege seemo sa gagwe sa botshelo,” Kgosi Boiditswe a tlhalosa. 

Banni ba Serowe ba supile maitemogelo a a farologaneng mabapi le kgang e. Mme Basadinyana Mpedi wa kgotla ya Tlhalerwa o supile fa a ne a fiwa ngwana wa mosetsana ke mogolowe morago ga go lemoga fa a timilwe thari. 

Mme Mpedi o kaile fa a sa le a tsaya ngwana yoo a santse a le monnye mme le gompieno a santse a nna le ene. Mme Mpedi a re gantsi bana ba ga ba ke ba bolelelwa sepe gore ba abilwe mme dikgang tseo ba di utlwa ka bafeti ka tsela, a tlatsa ka go re wa gagwe ba ne ba mmolelela fa e se motsadi wa gagwe wa madi mme ngwana a seka a tlhakana thogo, a tswelela a nna le ene a lebile lorato le a mo godisitseng ka lone. 

Mme Mpedi a re fa o tsaletswe ngwana, o tlamega go mo fa lorato ka gore fa o sa dire jalo, o tsenya ngwana dikakanyo tsa go batla go boela kwa motsading wa gagwe wa madi. 

Rre Maitumelo Dick wa kgotla ya Modimo a re bogologolo tsamaiso ya go tsalela e ne e dirwa ka ditumelano fa gare ga batsadi morago go dirwe mokwalo o o yang kwa kgosing go fetola ngwana maina. 

A re ngwana o ne a sa lobelwe gore motsadi wa gagwe wa madi ke mang. Rre Dick o gateletse gore mo mabakeng a mantsi, ngwana yo o sa lobelwang motsadi wa gagwe, o ne a phuthologa a nna le motsadi yo a mo tsaletsweng e bile a rata gore o pataganetswe ke batsadi ba babedi. 

Rre Dick a re ngwana yoo e ne e re a gola a tlhokomele botsadi botlhe ka go lekalekana. 

Mme Kago Gamontle wa kgotla ya Modikwane ene o kaile fa a ne a tsaletswe ngwana wa ga mmaagwemogolo le fa a ne a na le bana ba gagwe ba madi. 

A re se se ne se dirwa go tiisa bosika ka go twe ngwana ke wa botlhe. Mme Gamontle a re e rile ngwana yo a ntse a gola, a simolola go dujwa tlhaloganyo ke baagisanyi ba ba neng ba mo raya ba re ke mofeti ka tsela e bile a sena dithata dipe mo lwapeng la gagwe, mo go bakileng gore ngwana a a boele kwa motsading wa gagwe wa madi. 

Mme Gamontle a re thulaganyo e, e siame e senngwa ke batho. 

Mme Gosalamang Matisha wa kgotla ya Chichana ene o tlhalositse fa a ne a tsaletswe mmangwaneagwe mme a feletse a boela kwa motsading wa gagwe wa madi ka a ne a sa tseege sentle. 

Mme Matisha o supile fa mmangwaneagwe a ne a na le bana, selo se a reng se ne sa dira gore a kgethololwe. 

“Ke ne ke bona gore letsogo la ga mmangwane e kare le ganeletse ka fa baneng ba gagwe. 

Mme mo ditirong e ne e le nna ke berekang go feta bana ba gagwe. Selo se, se ne se nkutlusa botlhoko,” Mme Matisha a tlhalosa. 

A re ka a ne a tserwe a santse a le monnye, fa a ntse a gola, o ne a kgona go utlwa batho ba bua gore ga se ngwana wa lelwapa leo. 

“Ke ne ke utlwa basadibagolo ba re mosadi yo o sotla ngwana yo mme o mo tsaletswe. 

Ke gone ke neng ka thanyega gore go diragetseng ka nna e bile ka lemoga gore ke eng ke ne ke tsewa ka letsogo la molema,” Mme Matisha a supa. 

A re o itemogetse gore fa motho a ka tsalelwa mongwe wa lesika yo o fitlhelang a na le bana, ga go nne mothofo gore a go tshware jaaka bana ba gagwe, a tlatsa ka go re seo se ka baka dikgogakgogano fa gare ga batsadi boo-bobedi, ba ba neng ba dumelane ka ngwana. 

Mme Keasale Keepile wa Modikwane a re thulaganyo e mo nakong ya gompieno ga e sa tlhole e le teng e bile o dumela lefoko la mogologolo le le reng lesika fa le ya baneng le a kgaoga. 

A re tsamaiso e bogologolo e ne e bereka e bile go sena ope yo o ka lemogang fa ngwana e se wa gago. 

A re gompieno e paledisiwa ke lefufa la go akanya gore fa o tsalela wa lesika ngwana, o tsoga a bolokile ene yo a mo tsaletsweng go na le wena motsadi wa gagwe wa madi. 

Mme Keepile a re se sengwe se se paledisang thulaganyo e ke gore bone ba ba tsalelwang bana, ba itsa bana go itse batsadi ba bone ba madi, mo go hutsafatsang ngwana  fa a sena go itse nnete. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Patricia Speakson

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 14 Feb 2024