Ba Lobatse ba mabaka mantsi
13 Feb 2024
Banni bangwe ba Lobatse ba supile fa ba eme sentle go tla go tsaya karolo mo ditlhophong tsa monongwaga fa bangwe bone ba sa ikwadisa ka mabaka a a farologanyeng.
Mo potsolotsong ka Labotlhano monni wa toropo eo, Rre Molatlhegi Nnoko o ngongoregile ka go nna dinao a tshupa ga banana fa go tla kwa go tsotlhe tse di amang ditlhopho.
A re go tlhabisa ditlhong go bo banana ba goga dinao mo go kalo le ntswa e le bone gape ba ngongoregetseng ruri ka tsamaiso ya puso.
Rre Nnoko wa dingwaga tse di masome a supa o tlhalositse fa bagolo bone ba tlhaloganya botlhokwa jwa ditlhopho ga mmogo le botlhokwa jwa seabe sa bone mo go bopeng puso e ba e batlang.
O ne a rotloetsa banana go itlhotlhora mowa wa boitseme mme ba tseye boikarabelo jo bo tletseng fa go buiwa ka ditlhopho.
Mme Tiny Setombeko o boletse gore le fa ene a ikwadisitse, o belalela gore thuto ka kgaoganyo ya melelwane ga e a dirwa sentle ka bangwe ba sa ikwadisa ka ntlha ya go tlhoka go itse kwa ba tshwanetseng go ikwadisetsa teng.
O boletse fa ene a ikwadisitse ka a batla go tsaya karolo go itlhophela puso, a tlatsa ka go re le fa a sa itse gore o ya go tlhopha mang ka jaana go ikwadisitswe pele ga go tshwarwa ditlhopho tsa peo letlhokwa, seo ga se sekgoreletsi se se ka mo itsang go ipaakanyetsa go tsaya karolo mo ditlhophong.
Rre Thabang Dintwe yo le ene a ikwadisitseng a re o dirile jalo ka a batla go itlhophela baemedi gore ba mo tsisetse ditlhabololo le go tlhama mebereko.
Rre Letlotlo Mokokwe wa dingwaga tse di lesome le boferabongwe a re ga a a kgona go ikwadisa ka a sa kgona go ya kwa a batlang go tlhophela teng.
Monana yoo yo a neng e tlaa bo e le la ntlha a tsaya karolo mo ditlhophong a re fa go ka nna le ikwadiso ya tlaleletso o tlaa ikwadisa.
Rre Eddie Thebe le ene o supile fa a sa ikwadisa, a bolela gore go tlhoka go itse bontlhopheng ke gone go mo iditseng go ikwadisa ka jaana baemedi ba diphathi ba ise ba itshupe mo batlhophing ka ipapatso.
Mme Mosetsanagape Nankonane ene a re ga a a ikwadisa ka gore go nna go fenya phathi e le nngwefela mme a supa fa seo se mo kgoba marapo go tsaya karolo mo ditlhophong.
Le fa go ntse jalo, a re fa ikwadiso e ka bulelwa gape o tlaa ikwadisa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : Potsolotso
Date : 13 Feb 2024