Mapodisi a Shakawe a tlhotlhomisa dikgang tsa thubetso
12 Feb 2024
Mapodisi a Shakawe a tlhotlhomisa dikgang tse pedi tse mo go tsone bomme ba dingwaga tse di masome mararo le bongwe ba neng ba thubediwa mo ditiragalong tse di farologaneng ka mafelo a beke kwa Shakawe.
Mo potsolotsong, mogolwane wa sepodisi sa Shakawe Superintendent Ogolotse Tampa a re mo kgannyeng ya ntlha, mosadi o thubeditswe ke monna mongwe ka Labotlhano bosigo, morago ga go buisana le monna mongwe malatsi pele ga tiragalo ka maranyane a Facebook.
Bobedi jo, jwa dumalana gore ba tlaa kopana ka Matlhatso.
Superintendent Tampa a re mme yoo, ya re a le kwa maitisong kwa bareng nngwe mo Shakawe, monna mongwe a tla kwa go ene a mmolelela fa e le ene yo ba neng ba buisana ka maranyane a bo a monna yoo a mo kopa lerato mme ga palega.
Mogolwane Tampa a re mme yoo o ne a tlhalosa fa a ne a tlhoka sepalamo morago ga maitiso mme a kopa thuso mo monneng yoo go mo isa lwapeng. Boemong jwa go mo isa lwapeng monna yo a siela ntlheng ya Samochima mme a feta a itseela dikobo ka dikgoka mo sekgweng.
Mo tiragalong e nngwe mosadi o ne a bega kgang ya thubetso e e diragetseng ka Matlhatso bosigo, go tlhalosega fa mme yoo a ne a ile kwa maitisong mo Shakawe mme a ya go tsena kwa lwapeng mo mosong wa Tshipi ka nako ya botlhano a feta a robala go fitlha maitseboa.
E ne ya re mme yoo a tsoga a lemoga fa a sa nna sentle mme a botsa mme mongwe wa tsala ya gagwe. Tsala ya gagwe ene ya mmolela fa a dirisitswe ke mongwe kwa maitisong mme ba lekile go bua le ene ga retela. Supt Tampa a re ditlhotlhomiso di tsweletse.
A re ba mo patlong ya modira molato wa kgang ya ntlha fa wa kgang ya bobedi a itsewe. O ne a gakolola setshaba bogolong jang bomme go nwa bojalwa ka kelelelo ka dikgang tsa mofuta o di diragala gantsi ba iphitisitse dino. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : SHAKAWE
Event : Potsolotso
Date : 12 Feb 2024