Breaking News

Go phepafatsa tikologo ke boikarabelo jwa botlhe

11 Feb 2024

Mothusa mmatoropo ya Jwaneng, Rre Koolopile Pema o gwetlhile banni ba Jwaneng le dikgwebo tse di farologanyeng go nna le seabe mo go phepafatseng tikologo ya toropo.

Rre Pema o buile jaana kwa phuthegong ya bagwedi e maikaelelo a yone e neng e le go kanoka loeto lwa go phepafatsa toropo mo malatsing a le lekgolo lo lo simolotsweng semmuso ka Ngwanatsele ngogola.

A re ba tshwanetse go tshwaraganela go phepafatsa toropo go tsamaelana le sebopego sa yone jaaka e itsege ka diteemane tsa boleng jo bo kwa godimo.

Bokopano joo gape bo ne bo itebagantse le go gwetlha dikhamphani le makalana a mangwe go tiisa seabe sa bone mo letsholong leo, le le solofetseng go wela mo kgweding e e tlang.

O ne a re e re ntswa mogopolo oo e le wa malatsi a a lekgolo, go botlhokwa go tsweledisa mowa wa go phepafatsa le mo isagong.

O ba kgothaditse le go rotloetsa bophepa kwa ba berekelang teng.

A re se se ka busetsa serodumo sa toropo ya Jwaneng ya ba ya nna sekao mo mafelong a mangwe.

Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa moepo wa Jwaneng, Rre Goitseone Gadifele o ne a supa fa ba kopanetse letsholo leo le khansele ya Jwaneng ka jaana maikaelelo a moepo e le go epa diteemane fa go leng phepa e bile go sireletsegile.

A re maikaelelo ao gape a tsamaelana le tebelopele ya lefatshe leno ya 2036, e ka yone lefatshe le eletsang go nna le tikologo e e sa kgotlelesegang.

O tlhalositse fa go phepafatsa go ka nna le seabe mo go ngokeng bagwebi ba ba ka thusang go godisa itsholelo ya toropo, le gone go tlhamela morafe metswedi e e farologanyeng ya go itshetsa.

A re mo godimo ga go rutuntsha batho ka botlhokwa jwa go tlhokomela tikologo, letsholo leo gape le ikaelela go rutuntsha banni ba toropo eo ka methale e e farologanyeng ya go dira dikgwebo ka matlakala.

A re se se ka rotloetsa batho go somarela matlakala sentle le go a dirisa go itshetsa.

Mogolwane wa tsa tlhabololo tikologo kwa Jwaneng Mine, Dr Kegomoditswe Maphane o ne a tlhalosa fa go boeletsa le go gweba ka matlakala e le konokono mo go phepafatseng tikologo.

O ne a kopa ba-tsaya karolo ka go farologana go tshwaragana go netefatsa gore Jwaneng e nna mmantswitswidi mo go boeletseng matlakala, e le tsela nngwe ya go babalela tikologo le di-tsa tlholego.

A re popagano ya bone e ka dira pharologanyo e e ka ngokang le mafelo a mangwe mo Botswana go tla go tsaya malebela.

A re e re ntswa letsholo le le tsweletseng le ikaeletse go tsenya banni ba toropo eo moko, go botlhokwa gape go tswa ka maano a a tlaa tsweledisang mogopolo go ya pele fa malatsi ao a wela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : JWANENG

Event : phuthego ya bagwedi

Date : 11 Feb 2024