Breaking News

Ba dikolotsana ba gwetlhwa go obamela melao ya tsela

11 Feb 2024

Bakgweetsi ba dikoloi tsa ditonki kgotsa dikotsekara ba tlamega go obamela melao ya tsela fela jaaka bakgweetsi ba bangwe.

Se se builwe ke modulasetilo wa komiti ya ipabalelo tseleng ya Ghanzi, Mme Leah Mundia kwa phuthegong ya go ba rutuntsha ka melao ya tsela kwa D’Kar ka Labotlhano.

Mme Mundia a re go lemotshegile fa dikotsekara tsa ditonki di amega mo dikotsing tsa tsela ka ntlha ya go tlhaela thuto ya ipabalelo tseleng ga bakgweetsi ba tsone.

A re ka jalo ba bone go le maleba go bolotsa letsholo go dikologa le metse le metsana go ba rutuntsha ka melao ya tiriso ya tsela, seo e le go ba thusa go hema dikotsi tsa ditsela.

Mme Mundia o ne a ba gakolola gore fela jaaka go ntse ka dikoloi, go tshwanetse ga netefadiwa fa dikotsekara di itekanetse pele ga di ka tsena mo ditseleng.

A re seo se tlaa thusa go babalela matshelo a bapalami ga mmogo le a badirisi ba bangwe ba tsela.

Mo godimo ga moo, Mme Mundia o ne a ba rotloetsa go dirisa dikolotsana tseo go dira letseno go tlhabolola matshelo a ba malwapa a bone go nale go itebaganya fela le ditiro tsa selegae.

O ne a ba rotloetsa go tsenelela ditiro di tshwana le go isa bana dikoleng le gone go thusa khansele ka go rora matlakala.

Fa a tswa la gagwe, Constable Kagiso Mokgele go tswa kwa go ba pharakano ba sepodisi sa Ghanzi, o ne a tlhalosa fa dikotsi tse di amang dikotsekara gantsi di bakwa ke go fetisa palo ya ditonki le go pega morwalo o o feteletseng.

O ne a supa gape fa go tlhoka go tsenya dipone tse dipekepeke, segolo bogolo fa ba le mo mesepeleng ya bosigo le gone go le diphatsa ka go itsa badirisi ba bangwe ba tsela go ka ba bona.

Constable Mokgele o ne a tlatsa ka go re le bone e le bakgweetsi ba tshwanetse go apara mabante a itshireletso le diaparo tsa mebala e e bonalang motlhofo gore ba kgone go bonala mo badirising ba bangwe ba tsela, segolo jang bosigo.

Mo go tse dingwe, o ne a ba rotloetsa go emisa mokgwa wa go letlelela bana go kgweetsa dikolotsana tseo.

A re ke tlolo molao e motsadi a ka e lebisediwang molato.

O ne a ba rotloetsa le gone go fokotsa go betsa ditonki mo go feteletseng ka seo e le bosetlhogo mo seruiweng, selo se molao o leng kgatlhanong le sone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : D’KAR

Event : Phuthego ya go rutuntsha ka melao ya tsela

Date : 11 Feb 2024