Breaking News

Kago ya borogo jwa Molabe e wetse

08 Feb 2024

Kago ya borogo jwa nakwana jo bo kgabaganyang noka ya Molabe, bo tshwaraganya metse ya Tshokwe le Tobane e wetse e bile borogo joo bo siametse go ka dirisiwa.

Se se builwe ke mogolwane wa lephata la ditsela Rre Aaron Kalase fa a ne a rolela tona wa ditsela Rre Eric Molale borojo joo ka Laboraro. 

Rre Kalase o tlhalositse go re le fa borogo jo bo siametse go ka dirisiwa go setse tiro ya go bo tsenya ditshipi tse di tlhokafalang go bo sireletsa gore bo seka jwa amana le metsi fa noka eo e ela.

A re le fa tiro e e tsere ba lephata la gagwe ba ba itebagantseng le go aga marogo dikgwedi di le nne fela go e wetsa, go nnile le tiego ya go bona ditshipi tse di tlhokegang ka go re tse ba neng ba na le tsone di ne di le dikgologolo. A re ba feditse kago ya borogo jo

o mo kgweding ya Morule ngogola.

Fa a tswa la gagwe Rre Molale o lebogetse badiri ba lephata la gagwe go bo ba dirile tiro e go thusa banni ba metse ya Tshokwe le Tobane go tlola noka ya Molabe. 

A re se ke maitlamo a puso a go bona gore Batswana ba tshela sentle ka go tsisa ditlamelo gaufi le bone, a tlhalosa fa se se tlaa thusa go re ba bone ditlamelo sentle le go godisa dikgwebo tsa bone le itsholelo ya malwapa a bone. 

A re le fa borogo joo e le jwa nakwana maikaelelo ke go re kgabagare puso e age borogo jwa sennelaruri ga mmogo le go tshela tsela ya Tobane-Tshokwe sekontere.

O lebogile banni ba Tshokwe go bo ba ne ba nna pelotelele go fitlhela ba bona thuso.

Rre Molale a re puso e ikaelela go dira ditsela tse dintsi bogolo jang tse di tona jaaka go oketsa mela ya tsela ya Ramatlabama-Ramokgwebana go fokotsa  mosuke. 

Mopalamente wa Mmadinare Rre Molebatsi Molebatsi o ne a lebogela puso go bo e ne ya tsibogela kgwetlho ya banni ba metse ya Tobane le Tshokwe ya go tlhoka borogo.

A re borogo bo tlaa thusa go re banni ba kgone go dirisa tsela e golaganyang metse ya bone go sena letshogo lepe la go re dikoloi di tlaa tshwarwa ke motlhaba kana metsi fa dipula di nele. 

Mopalamente Molebatsi a re o tlaa tswelela a bua le puso go aga borogo jwa sennelaruri le tsela e tshetsweng sekontere.

Monni wa Tshokwe Rre Maikutlo Melore le ene o lebogetse maiteko a puso a go thusa batho ba motse oo.

A re pele ga borogo bo agiwa fa  dipula di nele ba ne ba tlamega go leta metsi go fokotsega pele ba ka kgabaganya noka, fa mo mabakeng a mangwe ba ne ba potologa kgakala ka tsela e e yang Robelela go latela ditlamelo kwa Selebi Phikwe.

Rre Melore le ene o ne a kopa puso go tshela sekontere tsela ya Tshokwe-Tobane go fefosetsa banni mosepele le go thusa gore dikoloi tsa bone di seka tsa babalelwa.  

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : TOBANE

Event : Tholo borogo

Date : 08 Feb 2024