Breaking News

Tibi o ba gwetlha go tsaya karolo

07 Feb 2024

Modulasetilo wa khansele ya Ghanzi, Rre Jeremiah Tibi, o gwetlhile banni ba kgaolo ya Ghanzi go tsaya karolo mo ditlhophong.

A re se, se fa botlhe sebaka sa go itlhophela puso e e tlaa tsamaisang merero ya ditlhabololo ka bonokopila le go nonotsha itsholelo ya lefatshe go tokafatsa botshelo jwa setshaba.

Mo potsolotsong le BOPA, Rre Tibi o supile fa ba sa jesiwe diwelang ke dipalo tsa batho ba ba ikwadiseditseng go tlhopha mo ikwadisong e e sa tswang go wela.

A re ba belaela gore go nna maoto a tshupa ga batlhophi, go ka tswa go bakilwe ke dipharologanyo tse di nnileng fa gare ga diphathi tsa kganetso le lekgotla le le tsamaisang ditlhopho tse ka maswabi di neng tsa felela kwa makgotleng a ditsheko.

O ne a tlatsa gape ka go re go salela kwa morago ka go ntsha maina a bontlhopheng, go ka tswa go bakile bonya jwa go ikwadisa.

A re batlhophi ba nna moko o thata fa ba setse ba itse ntlhopheng yo o ka emelang dikeletso tsa bone kwa palamenteng le khansele.

Le fa go ntse jalo, o ne a gakolola setshaba ka botlhokwa jwa seabe sa sone mo go thuseng puso go loga ditogamaano tsa ditlhabololo tse di maleba mo kgaolo ya Ghanzi le lefatshe ka kakaretso.

Modulasetilo wa khansele ya Charleshill, Rre Patrick Gaebuse, le ene o ne a supa matshweneyego ka ikwadiso ya monogwaga e a reng e ne e sa nametse pelo jaaka mo dingwageng tse di fetileng.

Rre Gaebuse a re ba itemogetse gore le ntswa dithuto ka ditlhopho di le matsorotsoro bontsi bo santse bo saletse kwa morago go tlhaloganya botlhokwa jwa tlhopho.

E re dikgang di eme jalo, mogolwane wa ofisi ya ditlhopho mo Ghanzi, Rre Gaolapelwe Ketlogetswe, o tlhalositse fa ikwadiso e tsamaile sentle le mororo banni ba ne ba ikwadisa ka dipalo tse di kwa tlase.

O tlhalositse fa mo bekeng ya bofelo, ba ne ba itemogela tshologelo kwa mafelong a ikwadiso.

A re ba ne ba kgona go kwadisa batho ba le 4 000 malatsi a mabedi pele ga go tswalwa.

Rre Ketlogetswe a re ba kgonne go kwadisa batho ba le 13 334 mo kgaolong ya botlhophi ya Ghanzi.

Fa a tswa la gagwe,  mogolwane wa ofisi ya ditlhopho kwa Charleshill, Mme Patricia Mmoloke, o tlhalositse fa mo tshimolodisong ya ikwadiso, banni ba ne ba ikwadisa ka dipalo tse di fa godingwana, mme ya re kgwedi e ntse e tsamaya, dipalo tsa simolola go ngotlega.

A re malatsi a fera bobedi pele ga ikwadiso e ya bokhutlong, ba ne ba itemogela go gola ga dipalo ka jaana ba ne ba kwadisa batho ba le 2 664.

Mme Mmoloke a re ba kgonne go kwadisa batho ba le 7 326 mme a re dipalo tseo, di a nametsa ka kgaolo ya Charleshill e na le palo ya batho ka kakretso ba le 17 581.

A re ba kgonne go fitlhelela dipalo tseo, ka go tshwara diphuthego tsa dikgotla go ruta setshaba ka tsamaiso ya go ikwadisetsa ditlhopho tsa setshaba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Ghanzi

Event : Potsolotso

Date : 07 Feb 2024