Breaking News

Banni ba lebogela kgaoganyo ya madi

06 Feb 2024

Banni ba Tsabong ba amogetse kgaoganyo ya madi a lefatshe ka e ba tsisetsa tsholofelo ya go fetlha mebereko le go godisa itsholelo.

Mo Potsolotsong le BOPA morago ga go reetsa Tona wa lephata la Madi Mme Peggy Serame ka maranyane mo kgotleng ya Tsabong ka Mosupologo,  Mokhanselara wa Tsabong Botlhaba Rre Peter Megano a re ba lebogela gore ditiro tse ditona mo kgaolong eo jaaka kago ya kokelo, Livestock concentration centre, Food Resources warehouse, diofisi tsa kgotla la kabo ditsha di abetswe madi gore di simolodisiwe mo ngwageng o o tlang wa madi. 

A re seo ke kgatelo pele e kgolo mo kgaolong eo ka matshelo a Batswana a tlaa tlhabologa.

Mokhanselara Megano o ne a supa fa go diragadiwa ga ditiro tsa ditlhabololo go tlaa  tlhamela banni ba kgaolo eo mebereko, sekai ele matlhabelo a Tsabong a a gaufi le go bulwa.

Mokhanselara  a re ditiro tse ditona tsa puso mo kgaolong eo di ntsheditswe madi ,ka jalo a rotloetsa ba ba tshwanetseng go tlhomamisa go re di a agiwa, go tshwara ka natla.

Rre Megano o lebogetse go re kgaoganyo ya madi a lefatshe e akareditse go agiwa ga tsela ya Mmathethe-Bray e e tlaa tlhofofatsang mesepele ya batho le dithoto.

Mongwe wa bagwebi, Rre Keoikantse Ntshekisang a re go akarediwa ga tsela ya Mmathethe-Bray go tlaa solegela bagwebi molemo.

Rre Ntshekisang o ne a lebogela kgaoganyo madi a setshaba, e a supileng fa e ba fa bagwebi tsholofelo ya go re ba tlaa nna le dipoelo.

Kgosana mo Tsabong, Kgosi Piet Kartze o amogetse kgaoganyo madi e a tlhalositseng fa e ne e rwele go le gontsi, e amile mehama yotlhe ya itsholelo mme e bile e file Batswana tsholofelo.

 A re o lebogetse go re Tona Serame o begile fa go nnile le koketsego ya letseno la madi e a reng e tshwanetse ya akgolelwa puso ka e supa kgolo ya itsholelo.

Leloko la Botswana National Youth Council go tswa Maralaleng Rre Mooketsi Rakose a re kgaoganyo ya madi e a itumedisa fela ka go supega fa go nnile le kgolo ya letseno la makgetho a dithoto tse di tsenang mo gae.

O akgoleletse puso go abela diphathi tsa sepolotiki madi a go ipapatsa e le la ntlha mo ditsong tsa lefatshe leno.

A re seo se raya go le gontsi mo sepolotiking sa lefatshe leno mme ebile se tlaa godisa serodumo sa puso ya batho ka batho e lefatshe leno le tumileng ka yone.

“Jaanong selelo sa diphathi tsa sepolotiki se arabesegile e bile seo se tlaa tsenya moko mo diphating gore batho ba eme ka dinao go emela maemo a sepolotiki le go ikwadisetsa ditlhopho,” a tlhalosa.

Rre Rakose o ne a lebogela go re lephata la dikgaolo le tlhabololo magae le abetswe madia magolwane , a re seo se tlaa thusa go tlhabolola lefatshe ka lephata leo e le mokwatla o o rweleng bokete jwa go tsisa ditlhabololo kwa metseng.

Mo go tse dingwe o lebogetse gore kgaoganyo madi e akaretsa go agiwa ga kgoro e e tsenang mo lefelong la bojanala la Kgalagadi Transfrontier Park gaufi le Khawa, a tlatsa  ka go re bojanala ke nngwe ya tse kgaolo eo le lefatshe di ikaegileng ka tsone.

A re kgaolo eo e humile di-tsa tlholego mme seo se tlaa thusa thata go tlhamela banana ditiro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 06 Feb 2024