Breaking News

Monna o thudilwe ke koloi kwa Makopong

05 Feb 2024

Mapodisi a Werda a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome mabedi a fitlhetsweng a tlhokafaletse mo tseleng go belaesega a thudilwe ke koloi.

Tiragalo e e begetswe mapodisi ke mofeti ka tsela ka Matlhatso ka nako ya botlhano mo moslong kwa Makopong, mme mokgweetsi ene a tsene ka lenga la seloko.

Mo potsolotsong le BOPA maabane, mookamela mapodisi a Werda mo kgaolong ya Tsabong Superintendent Mompoloki Ramatsia o ne a tlhalosa fa mapodisi ba ne ba ragogela kwa tiragalo e diragaletseng teng mme ba feta ba ragosetsa monna yoo kwa kokelong ya Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba rurifatsa fa a setse a tlhokafetse.

Mookamela mapodisi a Werda o ne a kopa setshaba go ba batlisa yo o ka tswang a thudile moswi ka mo nakong ya gompieno ba ise ba tshware ope.

A re serepa se mo setsidifatsing mme e tlaa re mo bogaufing se isiwe kwa kokelong ya Princess Marina kwa Gaborone go ya go tlhatlhojwa ke ba bongaka fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di sa ntse di tsweletse.

Supt Ramatsia o ne a supa fa moswi a tlholega kwa Makopong mme go belaesega fa a thudilwe ke koloi a leka go kgabaganaya tsela.

Rre Ramatsia o ne a gakolola bakgweetsi go fokotsa lebelo fa gare ga motse, go ela tlhoko leruo le batho ba ba ka kgabaganyang tsela go sa kgathalesege gore go motshegare kana go bosigo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Makopong

Event : Potsolotso

Date : 05 Feb 2024