Breaking News

Thuto ka tsamaiso ya ditlhopho e botlhokwa

05 Feb 2024

Go lemosegile fa go santse go tlhokafala thuto ka tsamaiso ya ditlhopho mo Batswaneng bangwe morago ga go tswalelwa ga ikwadiso ya ditlhopho tsa setshaba ka Matlhatso.

Batlhophisi ba itemogetse dipalo tse di kwa godimo tsa batho mo matlhophelong ka go farologana mo malatsing a bofelo, bogolo jang ka Matlhatso fa ikwadiso e ya bokhutlong.

Molaodi wa Kweneng, Mme Tebogo Bagopi a re se se bakwa ke gore batho ka bontsi ba na le go emela motsotso wa bofelo go ikwadisa.

Molaodi o buile jaana mo potsolotsong ka Tshipi ka se ba se itemogetseng morago ga go tswalelwa ga ikwadiso ya ditlhopho tsa setshaba.

A re e ne ya re ka Matlhatso fa matlhophelo a tswalelwa ka nako ya bone batho ba tla ka dipalo ba kopa gore ba bulelwe ba ikwadise mme ka molao wa ditlhopho o papametse gore ka nako e e beilweng ya go tswala go bo go tswalwa, ga diragala fela jalo.

“E ne ya re ka nako ya bone re bo re tswala, go raya gore go na le batho ba e leng gore ga ba a ikwadisa,” Mme Bagopi a tshwaela jalo.

O tsweletse a supa gore kgwetlho e nngwe e ba e itemogetseng ke gore bangwe ba ne ba tla ka pampiri ya Omang yo ba santseng ba mo emetse fa bangwe ba ne ba tla ka boOmang ba ba seng mo tirisong, bangwe ba sa kgona go shafatsa boOmang ba bone.

“Mme e ne ya re re lemoga selo se re bo re tsenya thuto ka go bonala thuto ya tsamaiso ya ditlhopho e santse e tlhokafala,” Mme Bagopi a gatelela jalo.

O kopile batho ba go nna jalo go netefatsa gore ba ya go shafatsa boOmang ba bone le gore ba seka ba emela gore ba bidiwe ka ikwadiso e nngwe.

A re go lemosegile gore Batswana bangwe ga ba obamele molao le tsamaiso ya melao ya lefatshe. 

Ka jalo o gakolotse setshaba ka kakaretso go obamela ditsamaiso dipe fela le melao e e tsamaisang lefatshe leno.

Molaodi o tsweletse a nankola mangwe mathata a ba kopaneng le one mo tirong e ya go kwadisetsa ditlhopho, dingwe tsa tsone e le batho ba ba nang le keletso ya go tla go emela ditlhopho, bogolo jang ba ba seng mo khanseleng kgotsa palamente ba ba sa itseng tsamaiso ba re ba kopa dipalo le go itse gore go tsamaya jang mo matlhophelong ka go farologana.

A re bangwe ba bone ba ne ba tla kwa matlhophelong ba re ba tlhola bana.

“Re ne ra tsenya thuto mo go bone gore go dira jalo ke go kgopakgopetsa tsamaiso ya ditlhopho mme ra gokolola gore ofisi ya Independent Electoral Commission ke yone fela e letlelelwang ke molao go ka ntsha dipalo,” a gatelela jalo.

Molaodi o ne a re ba itemogetse gape gore batho ba ba tsileng morago ga nako, ba ne ba supa gore ga ba a ikwadisa ka nako ka ba ne ba sa itse gore ba ya go tlhopha bomang ka gore ga go ise go tshwarwe ditlhopho tsa peo letlhokwa ke diphathi ka go farologana fa bangwe ba ne ba supa fa ba sa bone mosola wa go tlhopha.

Le fa go ntse jalo, a re ba ne ba ntse ba leka go tsenya thuto mo bathong mme kwa bofelong o rotloeditse Batswana ka kakaretso gore ba ithute go obamela ditsamaiso le molao le go shafatsa boOmang nako e sale teng.

O ne gape a gakolola ba ba nang le tshwanelo ya go tlhopha gongwe dingwaga tsa bone di tloga di tshwara lesome le boferabobedi go emela ikwadiso e e tlaa latelang go ya go ikwadisa ka dipalo tse di kwa godimo ka gore palo ya batho ba ba ikwadisitseng lefatshe ka bophara e santse e le potlana.

Mme Bagopi o tlhalositse fa dipalo tse di sobokilweng tsa ikwadiso di tlaa nna teng mo malatsing a a sa fediseng pelo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Molepolole

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 05 Feb 2024