Breaking News

Bogosi pilara ya molao motheo- Pule

04 Feb 2024

Mothusa Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Mabuse Pule a re lephata la dikgaolo le tseela dikgang tsa bogosi kwa godimo e bile le tlhaloganya bo masisi jwa tsone.

Rre Pule o tlhalositse se ka Labone kwa phuthegong ya kgotla kwa Goo-Tau, e maikaelelo a yone e neng e le go itebaganya le dikgang tsa bogosi jwa motse.

A re lephata le ne la ntsha barongwa ba ba sa amaneng gope le bogosi jwa Goo-Tau e bong Kgosi George Thwane go tswa kwa Artesia yo e leng moemela kgosi yo mogolwane kwa kgatleng le Kgosi Rudolph Mojalemotho go tswa kwa Kweneng go ya go sekaseka se se bakang dikgotlhang magareng ga morafe.

Rre Pule a re ba dirile se e se go nyatsa morafe wa Goo-Tau, mme e ne e le ka fa tsamaisong gore le bone ba ikgotsofatse.

O tlhalositse fa bogosi jwa Goo-Tau bo sa ikemela, bo okametswe ke bogosi kwa GaMmangwato, ba le bone ba itseng ditso tsa morafe wa Bakgopeng.

Rre Pule a re o tshepha thata se se dirilweng ke magosi a a neng a romilwe, a tlhalosa fa barongwa ba ne ba kopana le boeteledipele jwa motse mme ba felela ba ile kwa ditsong tsa morafe wa Bakgopeng tse di supileng fa bogosi e le jwa kwa kgotleng ya Kgosing e se jwa kwa kgotleng ya Monneng.

A re dingwe tse di neng tsa senoga mo ditshekatshekong e bile di tshwenya e ne ya nna dipalo tse di kwa godimo tsa dikgotlana tkwa motseng oo, o o nang le batho ba le 1 455 go ya ka palo batho e e dirilweng ka 2022 mme dikgosana tsone di le lesome le botlhano. Rre Pule o kgothaditse morafe go kopana, go buisana ka go tlhopha yo o maleba mme ba setse morago tsamaiso ya molao wa bogosi go itsa dikgogakgogano tse di felelang di leswafatsa serodumo sa bogosi.

A re bogosi ke nngwe ya dipilara tsa lefatshe le mokwatla wa setshaba mme fa go na le dikgotlhang tsa bogosi, tsamaiso ya tsa selegae e a senyega.

Mongwe wa banni, Rre Ipeleng Molelekwa o supile fa se mothusa tona a tsileng ka sone e le se ba neng ba ntse ba se emetse gore bogosi jwa Goo-Tau bo boele kwa tlholegong ya jone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : GOOTAU

Event : PHUTHEGO YA KGOTLA

Date : 04 Feb 2024