Botswana o tlaa lwantsha cholera
04 Feb 2024
Puso e itlamile go netefatsa go re bolwetse jwa letlhatso le letshololo jo bo itsegeng ka leina la Cholera, jo bo apesitseng mafatshe mangwe a SADC kobo ka letshoba, ga bo tsene mo lefatsheng leno.
Se se builwe ke tona wa mafatshe a sele, Dr Lemogang Kwape mo potsolosong le lekalana la BOPA ka Labotlhano, morago ga go tsena phuthego le bo tautona ba mafatshe a SADC mo boemong jwa ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi.
Dr Kwape o boletse fa bokopano joo, jo bo kgethegileng jwa tshoganetso bo buisantse ka dipalo tse di tsweletseng ka go tsholetsega mo mafatsheng mangwe a tshwana le Zambia le Congo.
Ka jalo a re go botlhokwa go re ba tsiboge gore bolwetsi joo bo seka jwa anama mo mafatsheng aa mabapi.
A re lefatshe la Botswana le ikemiseditse go thibela le go netefatsa gore Batswana le baagedi ba tswelela ba sireletsegile kgatlhanong le Cholera.
A re bolwetse joo bo bakwa thata ke go tlhoka go dirisa metsi a phepa, a tlatsa ka gore go tlhoka kgopo ya metsi a a leswe e e siameng go na le seabe mo go anameng ga bolwetsi.
Dr Kwape a re bongwe mo borarong jwa mafatshe a SADC ke one fela a nang le metsi a phepa, a tlatsa ka gore Botswana ke lengwe la mafatshe a ipelang ka metsi a phepa.
A re e re lentswa lefatshe la Botswana le le mo maemong a a babalesegileng kgatlhanong le bolwetse jwa Cholera, bogolo jang ka le ipela ka matlwana a boithomelo a a sa kgotleleng metsi, go matshwanedi gore le nne podi-matseba le ipapane, go lwantsha seemo seo fa se ka goroga monogae.
Dr Kwape a re matona a mafatshe a SADC a ne a tsaya ditshwetso go lwantsha letlhatso le letshololo e le go nonotsha go bona melemo ka bofefo, a tlatsa ka gore mafatshe a Africa a rotloediwa go itirela melemo kgatlhanong le malwetse.
O ne a tlhalosa fa tautona wa Zambia, Rre Hakainde Hichilema a tlhophilwe go di goga kwa pele mo maitekong a go nyeletsa bolwetsi joo mo SADC.
Tona Kwape o ne a rotloetsa Batswana go nna mo tikologong e e phepa, go tlhapa diatla ka metsi a a phepa le molora bogolo jang fa ba tswa ntlwaneng.
E rile a amogela bo tautona ba mafatshe, mokwaledi wa SADC Rre Elias Magosi o ne a re dipula tse di matsorotsoro, di bakile bolwetse jwa Cholera jo bo tsweleletseng ka go ama mafatshe a SADC a akaretsa a Zambia le Democratic Republic of Congo.
A re seo sa tlama gore SADC e lwantshe bolwetsei joo jo bo bakileng dintsho.
Rre Magosi o ne a re mo bokopanong jwa bone le makalana mangwe a mafatshefatshe, go ne ga supagala fa 73 per cent ya Cholera e bonwa mo mafatsheng a Africa
Ka jalo o ne a kgothatsa baeteledipele ba mafatshe a SADC go nonotsha maiteko a go fedisa cholera.
Rre Magosi o ne a leboga makalana a botsogo a akaretsa World Health Organisation, Africa Centre for Disease Control, UNICEF le World Food Programme a a itlamileng go thusa go lwantsha bolwetswe joo. bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lesedi Thatayamodimo
Location : GABORONE
Event : phuthego
Date : 04 Feb 2024