Dikoloti o rotloetsa banni go ikopanya
04 Feb 2024
Banni ba kgaolo ya Molapowabojang/Mmathethe ba rotloeditswe go ikopanya ka seo se ka ba lerele maduo a a itumedisang.
Mopalamente wa kgaolo eo, Dr Edwin Dikoloti o buile se mo diphuthegong tsa kgotla mo kgaolong ya gagwe bosheng.
A re ka jaana kgaolo e ikaegile thata ka temo-thuo, o tsere tshwetso ya go abela motse mongwe le mongwe wa kgaolo ya gagwe nku kana phoko ka tsholofelo ya gore e tlaa thusa botlhe. Mopalamente a re o bone go le botlhokwa go abela barui ba kgaolo ya gagwe moroto wa dikgomo tsa mashi gore ba kgone go dira letseno le le botoka.
“Ke ikaelela go fa barui moroto wa dikgomo tsa mashi fela fa e le gore ba tlaa ikopanya gore e re kwa bofelong ba kgone go rekisa mashi,” ga bua jalo Dr Dikoloti.
O boletse fa moroto oo, o tlhatlhobilwe gore dikgomo di tsale dinamane tse di namagadi. Dr Dikoloti o supile fa seo se tlaa thusa gape go oketsa le go tlhabolola thuo.
“Kwa mafelong a mangwe re setse re simolotse go tlhama ditlhopha tsa twantsho-borukutlhi segolo jang tsa bogodu jwa leruo, le e nngwe e barui ba ikopantseng mme ba abelana diruiwa kana sepe fela se morui a ka bong a se tlhoka”.
Banni ba akgoletse Dr Dikoloti maiteko a gagwe a go tlhabolola matshelo a bone ba lebogela lenaneo la go ba thusa go phunya didiba go re ba kgone go nosa diruiwa tsa bone ga reng ga tse dingwe.
Ba ngongoregile gape go re go na le bogodu jo bontsi jwa leruo, bangwe ba supa fa ba utswetswe leruo le ba neng ba le abetswe ke puso, ba tlatsa ka go re le motlhaba o a utswiwa mo motseng wa bone.
Assistant Superintendent Biganyi Mpindi o gakolotse banni go itlwaetsa go tlhaba ba mepodisi podi matseba ka bogodu, a bo a ba fa le dinomore tse ba ka di leletsang fa ba belaela sengwe.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : AOBAKWE MOLEFHI
Location : MOTSENTSHE
Event : PHUTHEGO YA KGOTLA
Date : 04 Feb 2024