Breaking News

Sekole sa Maphorisa se dirile diaba

04 Feb 2024

Sekole se sebotlana sa Maphorisa kwa Tutume se akgoletswe go dira diaba mo maduong a ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa ka go gapa maemo a ntlha mo dikoleng di le lesome le bone tsa kgaolo ya Nkange.

Mo godimo ga moo se mo maemong a boraro mo dikoleng tse di masome mararo le boferabongwe tsa kgaolo ya Tutume.

 Mogokgo wa sekole seo, Rre Eric Motlogelwa a re sekole seo se se nang le dingwaga tse di masome mabedi le bone se le teng, se dira botoka thata ka go nna se fitlhelela dielo tse ba di beetsweng ke ba lephata la thuto.

Mogokgoko o buile seo kwa bokopanong jwa batsadi le barutabana kwa Tutume, bosheng.

A re ngogola ba dirile go gaisa ka ba gaisitse dikole tse dintsi ka maduo a 88 per cent A,B le C, selo se a ikaileng fa se lerwe ke tirisanyo mmogo ya batsadi le barutabana go tshwaraganela thuto ya bana.

Rre Motlogelwa a re ntswa go na le dikgwetlho fale le fale mo sekoleng ba kgonne go di fenya ka tshwaragano le tirisanyo mmogo.

O gwetlhile batsadi go nna ba etela sekole go ithuta tsamaiso ya sekole le go gakolola fa ba kgonang teng.

Morutabana mo sekoleng seo, Rre Unangoni Tom o ne a kgala batsadi bangwe  ba e reng ba bitswa go kopanela ngwana le morutabana ba bo ba sa tle.

A ba gwetlha go fetola boitshwaro le dikakanyo tseo a ba rotloetsa go re ba ye pitsong go  re bana ba thusiwe nako e sale teng.

Rre Tom o ne gape a kopa batsadi go thusa bana tiro e ba e netsweng go e direla kwa malwapeng,a re bangwe ba kwalela mo sekoleng phakela, a tlatsa ka gore seo se supa fa motsadi a sena kgatlhego mo dithutong tsa ngwana wa gagwe.

Batsadi ba ba neng ba tsene bokopano joo ba ne ba tshepisa sekole fa ba tlaa tshwaraganela bana le barutabana.

Ba ne ba supa fa ba sa itumedisiwe ke tlhaelo ya dibuka tse di balwang mo sekoleng, ba re seo fa se sa tsenngwe leitlho se tlaa ama maduo a sekole.

Le fa go ntse jalo, ba ne ba ngongorega ka bokete jwa dibeke tsa dibuka tsa baithuti,ba supa fa bana ba tlaa felela ba nna le bothata jwa mokwatla.

Ba kopile go re bogolo go nne le fa bana ba ka bayang dibuka go ba fokoletsa morwalo, go tsaya fela tse ba filweng tiro ya kwa lwapeng mo go tsone.

Mongwe wa ba-tsena bokopano joo, Mme Tshokolo Matenje o ne a kopa batsadi go ikitaya ka thupana go tshwaraganela thuto ya ngwana le barutabana.

Mme Matenje o ne gape a gwetlha batsadi ba ba tlhokomelelwang bana ke bonkukuabone go ipha nako go etela sekole.

A re bontsi jwa baithuti ke bana ba banana ba ba kgonang go tlhaloganya dilo ka pela le go buisana ka maranyane. ENDS

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : PHUTHEGO YA KGOTLA

Date : 04 Feb 2024