Breaking News

Ba kopa thutontsho ka Temo Letlotlo

01 Feb 2024

Balemi ba  kgaolwana ya Shashe Extension e e akaretsang Natale le  Shashemooke ba ikwadiseditse lenaneo le ba le 525.

Mo go yone palo e, ba le 283 ya ba  setse e bone thuso.

Modulasetilo wa komiti ya balemi ba barui Rre Banana Natale o buile se fa a lekodisa Mopalamente wa  Shashe West,  Rre Fidelis Molao kwa phuthegong ya kgotla ka Laboraro,

Rre Natale o tsweletse a tlhalosa gore lentswa ba le atlile ba santse ba tlhokana le thuso ya go rutuntshiwa mo go tseneletseng gore ba kgone go le dirisa sentle.

A re ba batla go ikgolaganya le molemisi gore a ba tlhalosetse dintlha ka botlalo ka tse di tlhokegang gore batle ba kgone go akola lenaneo sentle.

A re kwa tshimologong ba boleletswe fa batho ba ba lemang ka ditonki ba sa thusiwe mme morago ga tla molaetsa wa gore ba akareditswe mo lenaneong..

A re go tlaa ga melatsa ka magatwe go dirile gore balemi bangwe ba salele kwa morago go tsaya karolo.

Ka jalo a re ba tlhokana le thuto seka dipuisanyo gore ba rutuntshiwe. Fa a tswa la gagwe Rre Molao o tlhalositse gore lenaneo le, le diretswe go tlokafatsa maduo a temo go direla Batswana dijo.

A tlhalosa gore molemi o thusiwa go teratelela tshimo ya gagwe a le nosi go fitlha kwa di temeng tse di lesome le borataro, a ntsha sephato sa madi a a tlaa bong a tlhokega go teratelela.

A re fa batho ba le lesome ba ikgobokantse, masimo a bone a dira ditema tse di makgolo a matlhano ba thusiwa ka terata,  go epa sediba, go gokela motlakase ga mmogo le go ntsha disana ba sa ntshe sepe, tse tsotlhe e le boikarabelo jwa puso.

O ne a ba kgothatsa go dirisa lenaneo le ba sa eteletse go le tshwantshanya le le le fitileng la ISPAAD, ka go na le pharologanyo e ntsi.

A tswelela ka go ba rotloetsa go ikwadisetsa lenaneo ka tiriso ya maranyane go sa kgathalesege gore ba dirisa mogala o ntse jang, sa bone ke go ikgolaganya le balemisi ba bone.

Rre Molao o ne a ba bolelela gore ba mo di thulaganyong tsa go baakanya kwa Impala kwa Francistown gore go direlwe kgwediso ka seatla teng.  

A re thulaganyo e, e tlaa ba fokoletsa mosepele wa go ya kwa Ramatlabama kwa go ntseng ele gone go direlwang kgwediso ka seatla teng.

Banni ba ne ba kopa go abelwa dipoo, mme Rre Molao o ne a ba solofetsa gore di tlaa goroga. Bokhutlho

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : NATALE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 01 Feb 2024