Tona Autlwetse o ngongoregela boutsana jwa ikwadisetso ditlhopho
01 Feb 2024
Go ikwadisetsa ditlhopho ke kgato e e botlhokwa e e fang Motswana mongwe le mongwe sebaka sa go nna le seabe mo tsamaisong ditlhopho.
Fa a ikuela mo banning ba kgotla ya Ditimamodimo kwa Serowe ka Laboraro go ikwadisetsa ditlhopho tse di tlang tsa setshaba, Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo magae Rre Kgotla Autlwetse o supile fa dipalo tsa ba ba ikwadisitseng di santse di le kwa tlase thata.
Rre Autlwetse o boletse fa mabaka a bangwe a gore ga ba kake ba ikwadisa ba sa itse gore bontlhopheng ke bomang a sa nonofa, ka jaana ba tlhoka go nna ba le malala-a-laotswe gore fa ba ba yang go phadisanela ditlhopho ba sena go itshupa banni ba bo ba le mo maemong a go tlhopha baemedi ba ba batlang.
A re tshiamelo eo ba ka nna le yone fela fa ba ikwadisitse.
Tona a re go ikwadisa ke matlhagolatsela gore e re fa ditlhopho di bidiwa, yo o lekanyeng go tlhopha a bo a nale tse di tshwanetseng ebile e le tse di mo letlang ka fa molaong go tlhopha a bo a bopa puso e a e batlang.
Rre Autlwetse, yo a boletseng fa boutsana jo batho ba ikwadisang ka jone bo tshwenya o rotloeditse banni ba kgotla eo go ya go ikwadisa ka makatanamane, le go kgaphela ntle mabaka ape fela a a ka ba lomeletsang go tla go tlhopha.
Tona o kaile fa palo e e ikwadisitseng e le kgakala fela thata le seelo sa 1.3 million, a re mo bekeng e e fetileng go ne go setse go ikwadisitse batho ba le 451 870 fela.
Fa ba ntsha la bone gore ke eng ba sa ikwadisetse ditlhopho banni ba ntshitse mabaka a mantsi thata ba bolela fa ba le mo leubeng mme dikarabo tsa bone tsa ditlhabololo di sa arabesege.
Rre Tebogo Kebonang o tlhalositse lebaka lengwe la go sa ikwadisa e le go fetolwa ga melelwane ya dikgaolo, a supa fa e mesha e ba tsietsa. O ngongoregile gape ka go dirisa badirelapuso go kwadisa ditlhopho le mororo banana ba le teng mo malwapeng ba sa bereke gope. Rre Kebonang o kaile fa banana ba ba rutegileng ba le kwa lenaneong la Ipelegeng ka ntlha ya letlhoko la ditiro mme a re seemo se le sone se ba itsa go ikwadisa ka ba dumela fa puso e sa ba tseye tsia morago ga go ba tsenya dikole.
Rre Joseph Moreki o kopa gore mogopolo wa gore tautona a itlhophelwe o sekegelwe tsebe.
A re go kgaphelwa kwa ntle ga megopolo ya bone ke sengwe se se dirang gore ba seka ka ikwadisetsa ditlhopho. Rre Moreki o boletse gape gore letlhoko la ditiro le tsere phekelo segolo bogolo mo bananeng.
Rre Alfred Mosotho ene o tlhalositse fa ba ne ba kopane le ba ofisi e ikemetseng ya tsamaiso ditlhopho ya Serowe kwa kgotleng go dumalana ka fa matlhophelo a tlaa tlhongwang teng mme ba ne ba gakgamadiwa ke go bona tumalano eo e sa diragadiwa ka jaanong matlhophelo a beilwe kgakala le bontsi ba banni.
Fa a araba matshwenyego a morafe, mogolwane wa lekgotla la tsamaiso ditlhopho kwa Serowe Rre Tshenolo Gabonthone o ne a boletse fa komiti e e kgaoganyang melelwane e e neng e eteletswe pele ke molaodi e ne ya rerisanya ya ba ya dumalana le morafe ka kgaoganyo ya melelwane.
Rre Gabonthone o boletse fa go okeditswe mafelo a go ikwadisetswang kwa go one bogolo jang kwa kgaolong ya botlhophi ya Serowe Bokone.
Fa a tlhalosa ka go thapiwa ga badirelapuso, o supile fa tsamaiso ditlhopho e le masisi ka jalo e batla boikarabelo jo bo rileng jo ba dumelang fa badirelapuso ba na le jone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Ikwadiso ditlhopho
Date : 01 Feb 2024