Ba kopiwa go sala molao morago
01 Feb 2024
Mothusa kgosikgolo ya Gangwaketse, Kgosi Kebapetse Telekelo o rotloeditse beng ba dikonteraka go nna le boammaaruri fa ba dirisana le setshaba. Fa a bua kwa phuthegong e e neng e rulagantswe ke Khansele ya Kanye ka Laboraro go lekodisa morafe ka ditsela tse di tlaa agiwang, Kgosi Telekelo o kopile beng ba dikonteraka go sala tsamaiso le ditumalano morago ka boammaaruri.
O supile fa ba tshwentswe ke bangwe ba ba siang ka madi ba sa duela babereki mme a kopa ba ba tlaabong ba aga ditsela go iphapha mo go seo.
Kgosi Telekelo o tlhalositse fa kago ya ditsela e tlaa thusa ka go thapa banana, mme e tlaa nna le tse di sa siamang jaaka go senyega ga matlo ka jalo, go le botlhokwa gore banni ba itse gore ba thusiwa jang fa gona le tshenyo mo malwapeng a bone.
Motshwarelela mokwaledi kwa khanseleng ya Kanye - Technical services, Mr Songa Mosweu o supile fa go tlaa dirwa ditsela tsa selekanyo sa dikilometara tse 25.25.
A re pele ga tiro nngwe le nngwe, go dirwa ditshekatsheko tsa gore tiro e ya go ama setshaba ka tsela e e ntseng jang le gore go tlaa dirwa jang go baakanya seo.
Rre Mosweu a re ba hirile konteraka e e dirang ditshekatsheko tseo mme maikaelelo a phuthego e le gore konteraka e tle go buisana le setshaba ka tse ba solofelang di tlaa tsisiwa ke tiro eo.
A re kago ya ditsela e tlaa tla le tse dintle jaaka ditiro, mme go tlaa nna gape le tse di amang banni jaaka go sutisiwa ga dijarata fa ditsela di tlaa fetang teng. O supile fa ditsela di tsile go dirwa go na le fa metsi a pula a fetang teng, ga mmogo le dipone tsa mekgwatha.
Environmental Consultant kwa Royal Pioneers Investments, Rre Mothibedi Onkabetse, e le ba ba herilweng go dira ditshekatsheko tsa tikologo a re go ya go nna le modumo o montsi le lorole, tse di bakiwang ke dikatakata tse di tlaabong di dirisiwa.
Rre Onkabetse o supile fa go fokotsa manokonoko ao, ba rotloetsa ba ba dirang tiro go theogela go tswa ka nako ya bosupa mo mosong go tsena ka ya botlhano mo tshokologong.
A re mong wa konteraka o tshwanelwa ke go gasa metsi le go agelela fa ba tlaabong ba direla teng, go fokotsa lorole.
Rre Onkabetse a re ba rotloetsa gape gore dikatakata tse di dirisiwang e nne tse di itekanetseng, mme e bile di lekolwe moso le moso.
O supile gore go ka nna le kgotlelesego ya metsi a a fa godimo ga lefatshe le a a kwa tlase, go bakiwa ke mafura a a thologang mo dikatakateng mme ka jalo, ba ba rotloetsa go beeletsa fa di nnang teng.
Rre Onkabetse o kaile gape fa go ya go nna le mosuke wa dikoloi mo ditseleng fa tiro e tsweletse, mme mong wa konteraka a tshwanelwa ke go ba fa lenaneo la go laola mosuke oo.
Mo go tse dintle o nankotse ditiro, go gola ga itsholelo mo kgaolong, ditsela tse di tlhabologileng le ditlhabololo tse dingwe jaaka kgopo ya metsi a pula le dipone tsa mekgwatha.
Moemela Kgosi o mogolwane, Kgosi Kwelagobe Mookodi o kopile gore ditsela di tsholelediwe fa godimo le gore go dirwe dikholobete gore metsi a seka a tsena mo dijarateng.
O gateletse gape botlhokwa jwa gore mong wa konteraka a nne le boammaruri mo tirisanong mmogo le banni.
Kgosi Mookodi o kopile khansele gore e seka ya fetisa ditiro fa di sa siama ka go dira jalo e le tshenyetso setshaba e bile go tlaabo go dirisiwa madi a a kabong a dirisiwa mo ditlhabololong tse dingwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thato Modiakgotla
Location : KANYE
Event : Meeting
Date : 01 Feb 2024