Ikwadiso e a nametsa-mogolwane
31 Jan 2024
Mogolwane wa lekgotla le le tsamaisang ditlhopho la Independent Electoral Commission (IEC) kwa Tsabong, Rre Norman Tshekiso, a re ikwadiso e tsweletse sentle kwa Kgalagadi Borwa ka ba setse ba kwadisitse batho ba le 8 870.
O boletse mo potsolotsong ka Laboraro gore ka malatsi a ntlha a ikwadiso, go ikwadisitse batho ba le 1 151.
Mo bekeng ya bobedi ba ne ba kwadisa ba le 2 889, mme mo go e e neng e e latela ba ne ba le 2 681, fa mo bekeng ya Labotlhano o o fetileng ba ne ba kwadisa batho ba le 2 149.
Rre Tshekiso a re banni ba kgaolo eo ba tsweletse ka go ikwadisetsa ditlhopho mme bontsi bo ka nna jwa iponatsa fa ikwadiso e wela ka Matlhatso.
A re sengwe le sengwe se tsamaya ka thelelo mo nakong e.
Mogolwane wa IEC a re go ya ka dipalo tsa lefatshe lotlhe, batho ba le 1.7 million ba solofetswe go ikwadisetsa go tlhopha..
A re nngwe ya dikgwetlho ke gore go na le batho bangwe ba ba eletsang go ikwadisa mme mathata e le gore ga ba na bo Omang ba ba mo tirisong.
Bangwe ba tla ka dipampitshana tse di supang gore motho o santse a emetse Omang mme ga ba letlelelwe go di dirisa go ya ka fa molaong.
Rre Tshekiso a re seemo se senogile thata kwa Bokspits, Rappelspan, Vaalhoek, Struizendam, Makopong le metse e e mabapi..
Le fa go ntse jalo, o ne a supa gore lephata la Omang le dirile maiteko a go isetsa banni bo Omang, mme IEC e ikemiseditse go senka dikoloi go thusa mo maitekong a..
O ne a gakolola gore matlhophelo a bulwa ka nako ya boferabobedi phakela mme a tswala ka nako ya borataro mo maitseboeng fa ka mafelo a beke a tswala ka nako ya bone mo maitseboeng.
O ne a rotloetsa Batswana go ya go ikwadisa a supa gore ka Matlhatso ikwadiso e a ema.
Kwa matlhophelong a meraka ya Khweyane, monni wa dingwaga tse masome a matlhano le borobabobedi, Mme Kerotse Sethaile, a re go botlhokwa go ikwadisetsa ditlhopho ka gore go dira jalo go somarela serodumo sa lefatshe.
O ne a supa gore go tlhopha go botlhokwa ka gore motho a ikgethela puso e a e eletsang.
Mme Sethaile a re ene o ikwadisitse mo matlhophelong a meraka ya Khweyane gore a gwetlhe ditlhabololo gore di goroge foo ka jalo go botlhokwa gore motho a nne le karata ya ditlhopho .
Mme Sethaile a re ba tshwenngwa fela ke gore ga ba ise ba tlhaloganye bontlhopheng sentle ba dikgaolwana tsa bone tsa botlhophi sentle ka ga ba ise ba itshupe.…BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : KHWEYANE
Event : Ikwadiso ditlhopho
Date : 31 Jan 2024