Ba rotloediwa go dirisa Facebook
30 Jan 2024
Khansele ya Serowe e gatetse pele mo go diragatseng moono wa go nna itsholelo e e ikaegileng ka tiriso ya maranyane ka go nna le tsebe ya sefatlhego (Facebook) e e mo tirisong.
Se se tlhalositswe ke moemela mokwaledi wa khansele Mme Mpho Bogatsu, kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa Serowe Kokone Rre Baratiwa Mathoothe ka Mosupologo. Mme Bogatsu a re tsebe ya Facebook e e bidiwang Serowe District Council (SDC) e supa tiro ya tsatsi le letsatsi ya maphata otlhe a a ka fa tlase ga khansele.
O ne a tlatsa ka gore ba tsenya ditirelo tsotlhe tse ba nang natso, kitsiso tsa ditiro le diphatlha tse di butsweng tsa mebereko.
Mme Bogatsu o rotloeditse banni gore ba dirise tsebe eo go ikgolaganya le bone go ntsha dingongora mabapi le ditirelo tse ba di fiwang le dikgakololo tse di ka tokafatsang khansele.
“Mo nakong ya gompieno ga gona neelano magareng ga rona le lona mo tsebeng eo, ga le re kgwe dikgaba mo go tse di tsentsweng,” a buwa jalo,” Mme Bogatsu a tlhalosa.
O boleletse banni gape fa ba na le mogala wa mahala wa 0800 600 796 o ba ka itshwaraganyang le bone ka one.
Mo go tse dingwe Mme Bogatsu yo gape e leng mmaboipelego o supile matshwenyego ka bana ba ba tlogelwang ba le nosi.
A re dipego tsa bone di supile fa bana ba ba tlogelwa ke batsadi ba ba nnang kwa masimo le kwa merakeng.
O kgadile tiro eo a tlhalosa fa molao wa bana wa 2009 o le kgatlhanong le go latlhelela bana, a re go dira jalo ke go ba baya mo kotsing ya go dirisiwa botlhaswa le go dira gore bana ba itaole.
Mookamedi wa dikokelwana tsa Serowe go tswa kwa Serowe/Palapye District Health Management Team (DHMT) Mme Ruth Olesitse o tlhalositse fa puso e lekile go kaba letlhoko la baoki le dingaka mo dikokelwaneng tsa Serowe.
A re puso e dirile se ka go busetsa mo tirong badiri ba botsogo ba ba neng ba tlogetse tiro, a tlhalosa fa seo se dirilwe ka kelelelo ka go tserwe ba ba santseng ba nonofile go bereka.
O supile fa letlhoko le le bakilwe ke gore baoki ba bangwe ba ile go berekela kwa mafatsheng a sele le koketsego ya dikokelwana.
“Ke a le tlhomamisetsa gompieno gore re na le dingaka di le pedi go tlatsa ee nngwe fela e e ntseng e bereka dikokelwana tsa rona ka bosupa jwa tsone mo Serowe.
Dingaka tse di tlaabo di etela kokelwana nngwe le nngwe gararo mo bekeng,” Mme Olesitse a tlhalosa.
Mogolwane go tswa kwa koporasing ya metsi, Rre Rebaone Mathape o gakolotse banni go nna ba ikgolaganya le bone pele ba dira kgokelo ya metsi a a leswe, a re go sa dira jalo ga se tsamaiso e bile ba ka atlholelwa seo.
Rre Mathape o supile matshwenyego ka dilo tse ba di fitlhelang fa ba epolola mahuti a a tsamaisang metsi aa leswe, a re gantsi ba fitlhela dilo di tshwana le meswang le matlalo a dikgomo, dikobo le diaparo mo teng.
A re banni ba nne kelotlhoko ka seo ka se ka ba tsenya mo mathateng fa mapodisi a latedisa metlhala ya dilo tseo.
Rre Mathape o gakolotse baapei ba ba mo mebileng go tshwara metsi a a leswe sentle segolo jang a a nang le mafura go netefatsa fa a sa kgotele tikologo le go thiba mahuti a a tsamaisang metsi a a leswe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Patricia Speakson
Location : SEROWE
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 30 Jan 2024