Breaking News

Ba Ali Motors ba rotloetsa kabo ya madi

29 Jan 2024

Mogolwane wa khamphani e e rekisang di dirisiwa tsa dikoloi ya Ali Motors kwa Mochudi, Rre Mohammed Mirza, o kgothaditse setshaba go aba madi a mmele go boloka matshelo.

O ne a bua kwa moletlong o o neng o tshwerwe ke khamphani eo kwa Mochudi bosheng go rotloetsa batho go aba madi a mmele. Rre Mirza o ne a supa fa tlhaelo ya madi e ba gwetlhile go tshwara moletlo oo.

Rre Mirza a re e re ka batho ba latlhegelwa ke madi ka ditsela tse di farologaneng jaaka dikotsi tsa  dikoloi le ka nako tsa pelegi, go botlhokwa gore madi a mmele a nne a le teng ka  nako tsotlhe.

Mogolwane mo lephateng la botsogo la Kgatleng, Rre Motlhaodi Sejabodile, o lebogetse tiro e e dirilweng ke Ali Motors, a re se e tshwanetse ya nna thotloetso mo dikgwebong tse dingwe. Rre Sejabodile o tsweletse a re go botlhokwa gore batho ba ipee mo seemong sa gore ba thusa masika le ditsala fa ba aba madi ka go sena ope yoo itseng gore go tlaa diragala eng leng.

O tsweletse a gakolola batho gore go aba madi a mmele ga go bake bolwetse bope, mme motho yo o fetang bokete jwa 50kg ebile a na le dingwaga tse di lesome le borataro le go feta a se mo kalafing epe ya sennela ruri a lekane go ka aba madi.

Fa a ntsha la gagwe, Kgosana Phaphau Dintwe wa Moshawana o ne a supa fa a itumelela se se dirilweng ke Ali Motors, a re thulaganyo ya go fetola ka fa dilo di ntseng di dirwa ka teng go atlilwe ke bagwebi ka go farologana.

“Madi a abiwang a mmele a bolokile matshelo a batho ba le bantsi. A re ikiteyeng ka thupana batho betsho go aba madi ka dipalo tse di kwa godimo”, ga bua jalo Kgosi Dintwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Pelonomi Gare

Location : MOCHUDI

Event : Kabo madi

Date : 29 Jan 2024