Banni ba ngongorega ka koporasi ya Water Utilities
29 Jan 2024
Banni ba kgotla ya Morwakwena mo kgaolong ya Serowe Borwa ba ngongorega ka go dutla ga diphaephe le mororo ba begetse ba lephata la metsi mme ba sa tsiboge.
Banni ba supile fa metsi a a tswang mo diphaepheng a elela gongwe le gongwe mo motseng.
Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa Serowe Borwa, Rre Leepetswe Lesedi bosheng.
Ba boletse fa badiri ba Lephata la Metsi ba le maoto a tshupa go go baakanya diphaephe tsedi dutlang, ba bolela fa ba le bofefo fa ba batla dikoloto le go kgaola metsi.
Mme Otshegeditse Phetolo o supile fa go le maphatshaphatsha a metsi mo mekgwatheng mo kgotleng ya bone mo go ngokang leruo go tla mo motseng.
O kopile ba Water Utilities go tsibogela go dutla ga diphaephe mo go dirang gore nako tse dingwe ba nne go sena metsi.
Bangwe ba boletse fa go dutla ga metsi mo go ngokang leruo mo motseng go dira gore leruo le senyetse banni ditlhare tsa bone tsa mekgabisa mo malwapeng le go roba ditswalo tsa dikgoro tsa bone.
Fa a tsiboga, mogolwane wa Water Utilities, Rre Keremang Ketlogetswe, a re mealo ya diphaephe e megologolo gape le tsone diphaephe ele tse di dikgologolo mme a solofetsa gore batla ikitaya ka thupana go baakanya fa diphaephe di dutlang teng.
Mopalamente Rre Lesedi o ne a tsamaya le kgaolo ya gagwe a ba lekodisa ka melao kakanyetso e ba e fetisitseng kwa Palamenteng le go tsaya megopolo mo morafeng go e isa gape kwa Palamenteng.
Rre Lesedi o ngongoregetse maphata mangwe a puso a sa tsibogeleng dilelo tsa morafe ka nako, a supa ka monwana ba Khansele ya Serowe, a bolela fa dilelo di le dintsi ka bone mme ba sa tsene diphuthego go araba morafe.
O kopile maphata ka go farologana go tsibogela boikuelo ja morafe ka nako le go buisa diphuthego go itsise morafe ka mananneo a puso a a leng teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 29 Jan 2024