Go tlhopha ke maikarabelo a mongwe le mongwe
29 Jan 2024
Go ikwadisetsa ditlhopho ke maikarabelo a Motswana mongwe le mongwe gore a tle a kgone go nna le seabe mo tsamaisong ya lefatshe.
Rre Keoagile Tebogo yo eleng monni wa motse wa Kanye, a re go ikwadisetsa ditlhopho go dira gore motho a kgone tlhopha gore a tle a akole mananeo a puso jaaka thuto, temo letlotlo, tsa botsogo le tse dingwe.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Tebogo o supile fa a itse thulaganyo ya ditlhopho go tswa goo lowe e bile a supa fa a tlaa tswelela a tlhopha ka gore molwela kgololesego ga a tshwanela go lapa.
O gakolotse gore ditlhopho tsa monongwaga di nne le tshireletso ya maemo a ntlha ka gore ka ngwaga wa 2019 ba itemogetse fa batlhophi ba metse e mengwe ba felela ba tlhopha kwa metseng e e seng ya bone, a re se se kgoreletsa maduo a bone.
Monana mongwe wa motse wa Kanye o supileng fa ele sealogane mme a inaakantse le go tlhatswetsa batho Dikoloi, Rre Tefo Letlotla o ne a supa fa a sena kgatlhego mo ikwadisong ka gore ga a na maikaelelo a go tlhopha.
Rre Letlotla a re o ne a tlhopha ka ngwaga wa 2019 mme ga a bona pharologanyo epe mo botshelong jwa gagwe a supa fa seemo se kekelela kwa pele.
O ne a supa ngongora ka letlhoko la ditiro mo lefatsheng a supa fa se sa ba ema sentle, a kopa puso go tokafatsa le go fetola ka fa ba dirang dilo ka teng.
Fa a fa sekai, Rre Letlotla o ne a supa gore e re ntswa ba sa bereke puso e bone go le maleba gore e ye go tsaa babereki e nne bone ba kwadisang ditlhopho a supa fa selo se se ba baya ka fa mosing.
Monni yo mongwe, Mme Gabo Masilonyane tlhopho ya gagwe e ka tsisa pharologanyo e e botoka mo matshelong a batho ebile e ka fatola ka fa puso e busang ka teng.
Rre Masilonyane o gakolotse gore mo ditlhophong tsa monongwaga go seka-sekiwe seemo sa mela e meleele gore batho ba seka ba kgobega marapo go ya kwa matlhophelong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Naomi Leepile
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 29 Jan 2024